Mong wa lefelo le le rekisang bojalwa la Meat Brothers mo Taung o latofadiwa ka polao le maiteko a polao


Setshwantsho: Molatofadiwa wa polao le maiteko a polao

Ka OBAKENG MAJE

Monna wa mogwebi wa dingwaga di le 41 o a itsegeng mo Taung, ebile a tsamaisa setheo sa maitiso se se rekisang bojalwa sa Meat Brothers, o letse a ineetse kwa sepodising morago ga dibego tsa gore o thuntshitse batho ba le babedi mo bosigong jwa maabane teng kwa Meat Brothers.

Go begwa fa lefelo la Meat Brothers le letse le nyeoma ka batho ba ba neng ba tlile go ijesa monate, ebile go sena le fa o ka bayang leoto gone. Go kaiwa fa badiri ba tshireletso, ba ne ba kganela batho go tsena mo Meat Brothers, mme ba batla makwalo itshupo.

Go ya ka dipego, gone ga tsoga tlhatlharuane mme mong wa lefelo leo, one a ntsha sethunyw le go thuntsa banna ba le babedi ba ba ne ba leka go tsena ka dikgoka. Monna wa dingwaga di le 28 one a tlhokafalela mo lefelo la tiragalo, fa wa dingwaga dile 33 a tlogetswe ka dikgobalo tse di masisi.

One a itlhaganedisiwa kwa bookelong go bona thuso ya potlako.

Kgabagere, sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Mokaptein Aaftje Botma are: “Go begwa fa banna ba ba thuntsitsweng, ba ne ba leka go tsena kwa lefelong leo le lene le tletse go utlwala. Fela, seo sene sa dira gore mong wa tulo a ba thuntse.

“Molatofadiwa o tla tlhagelela kwa kgotlha-tshekelo ya Taung mo letsatsing la Mosupologo, mme o lebagane le ditatofatso di le pedi, eleng ya polao le maiteko a polao,” Botma wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com