Mosimanyana o mongwe gape o tlhokafetse kwa mophatong kwa Khaukhwe


Seshwantsho-papiso: Mosimanyana o tlhokafetse kwa mophatong wa Khaukhwe  

Ka OBAKENG MAJE

Mosimanyane o mongwe gape o tlhokafetse kwa mophatong kwa motseng wa Khaukhwe, gaufi le Taung. Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, mosimanyana wa dingwaga di le 19, o wele fela mme one a isiwa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung.

“Mosimanyana o, one a netefadiwa fa a tlhokafetse, mme dipatlisiso tsa morago ga loso di tsweletse,” van Rooyen wa tlhalosa.

Kgabagare, ke mosimanyana wa bobedi mo bekeng eno go tlhokafalela kwa mophatong. Mo letsatsing la maabane, Boitshepo Mphindwa (15) o tlhokafaletse kwa mophatong wa ga Clifford Lekgetho kwa motseng wa Takaneng. Go kaiwa fa Mphindwa le ene a wele fela.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.