
Ka OBAKENG MAJE
Moagi wa kwa Extension 7 mo Taung, Lerato Khojane o ikuela go mongwe le mongwe o ka tswang a na le kitso ya gore ke mang a ba thubetseng a ikgolaganye le ene. Seno se tla morago ga gore ntlo ya ga Khojane e thubiwe, mme go ile ga utswiwa dilwana jaaka kgetsana ya diaparo e khunou, laptop ya modiro wa Mecca, diaparo, lebone ga mmogo le speaker sa Bluetooth.
“Re kopa go batlisisiwa dilo tseo, mme o ka tswang a na le kitso re kopa a letsetse nomoro ya mogala ya 0725832972 kgotsa 0727362358. Kgetsi e butswe kwa sepodising, mme le mapodisi a tsayang dikgatiso tsa menwana (forensic) ba setse ba tlile,” Khojane wa tlhalosa.
Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are: “Kgetsi ya go thubelwa mo ntlung e butswe, mme go begwa fa mong wa ntlo a ne a seo fa tiragalo ene e direga.
“Mong wa ntlo one a fitlhela ntlo ya gagwe e thubilwe, mme go utswitswe dilwana tsa motlakase ga mmogo le dilo tsa ntlo. Ga gona ope o tshwereng go fitlha ga jaana, mme dipatlisiso di tsweletse.”