
Setshwantsho: Dipudi di le 21 di bolailwe ke legadima

Ka OBAKENG MAJE
Ba lelapa la ga Khosi kwa motseng wa Mokassa 2, gaufi le Taung ba re ba setse ba gamaregile morago ga gore dipudi tsa bone di le 21 di blawe ke legadima mo letsatsing la maabane. Sebueledi sa lelapa, Gaelebale Kudube (51) are one a dutse mo ntlung ga mmogo le mme wa gagwe, Lenah Khosi (75) fa seno se diragala.
“Go ne gona pula, mme ke utlwile legadima le betsa. Ene ya re fa re lebelela kwa ntle, re ne ra bona dipudi di rapalese hatshe mo tlase ga setlhare. Nna ebile ke bontshiwa ke mme gore ke lebelele mo tlase ga setlhare.
“Jaanong, re mo kutlo-botlhokung tota jaaka lelapa. Mosadimogolo o ntse a itshidisa ka go rekisa leruo le. Go riana re setse fela ka dipudi di le 22. Se se diragetseng ke poelo morago, mme ga re itse gore re dire jang,” Kudube wa tlhalosa.