Mosadi o go belaelwang a tsheletswe botlhole mo bojalweng, o tlhokafetse kwa Extension 6 mo Taung  


Ka OBAKENG MAJE

Mosadi wa dingwaga dile 42 o tlhokafaletse kwa lefelong la maitiso la selegae la kwa ga Bux kwa Extension 6, gaufi le Taung ka Labone bosigo. Go begwa fa mosadi o, a ne a leba kwa lefelong leo go ya go ntsha letsapa, fela batho ba le bantsi ba belaelwa fa a tsheletswe bolthole mo bojalweng.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, mosadi o one a dutse mo setilong a sa tsikinyege, mme one a rwalelwa kwa bookelong jwa selegae go ya go bona thuso ya kalafi. Van Rooyen are fela go ne ga begwa fa a tlhokafetse.

“Dipatlisiso tsa morago ga loso di tsweletse go ka netefatsa se se ka tswang se tlhodile loso la gagwe. Go fitlha ga jaana, ga re itse gore a o bolailwe ka go tshelelwa botlhole mo bojalweng, kgotsa leso la gagwe e ka tswa ele la tlholego.

“Fela seo se tla tlhotlhomisiwa ke diteko tsa morago ga loso,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.