Banna ba babedi ba ba latofadiwang ka go utswa pudi ba tshwerwe ba sentse ba ja mmeso


Setshwantsho-papiso: Banna ba tshwarwetswe go utswa nama ya pudi

Ka OBAKENG MAJE

Banna ba le babedi ba dingwaga tsa 20 le 31, ba tshwerwe kwa Reivilo ka ditatofatso tsa go utswa pudi. Go begwa fa mong wa dipudi one a disitse kwa nageng, a ne a ya go lekola dipudi tsa gagwe, fela a fitlhela ele nngwe e nyeletse.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa, tiragalo e, ke ya letsatsi la Mosupulogo. Van Rooyen are, mong wa dipudi one a tsena sekgwa ka legare le go batlana le pudi ya gagwe e e nyeletseng.

“Ka maswabi, go begwa fa a ne a kopana le banna ba babedi ba ba belaetsang, mme ba tswa go rwalela dikgong. Go ya ka monna o, one a batlisisa ka pudi ya gagwe e e nyeletseng, mme one a fitlhela banna ba, ba e tlhabile le go ja mmeso.

“One a itsise sepodisi, mme banna ba ba ne ba lelelwa ke ditshipi. Ba solofetswe go tlhagelela kwa kgotlha-tshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno, mme ba lebane le ditatofatso tsa go utswa pudi,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.