Dikgomo di le lesome tse go belaelwang ele tsa bogodu di tshwerwe kwa Dikhuting  


Setshwantsho-papiso: Dikgomo di le lesome ditshwerwe      

Ka OBAKENG MAJE

Monna a le mongwe o tshwerwe ka dikgomo tse go belaelwang ele tsa bogodu kwa motseng wa Dikhuting, gaufi le Taung mo letsatsing la gompieno. Go ya ka dipego, banna ba le bararo ba ne ba bonwa kwa sekgweng ka dikgomo tse go belaelwang di utswilwe, mme go begwa fa ba ne ba ikaelela go di isa fantiseng.  

Sepodisi sa Taung se ne sa longwa tsebe, mme ba kgorogela banna bao. Go begwa fa banna bao ba fitlhetswe ba gotsitse molelo le go besa tshipi e e tshwayang dikgomo (brandmark). Go ya ka dipego, banna ba le bararo ba ile ba tsena ka longa la seloko morago ga go kgorogelwa ke mapodisi.

Fela, sepodisi se ne sa ba baya marowa le go tshwara o mongwe wa bone. Sepodisi sene sa thopa dikgomo tseo (dinamanae dile robongwe le kgomo ele nngwe).

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen ga se a boele mo lokwalo dikganyeng la rona la Taung DailyNews ka dintlha tse di feletseng.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.