Dirukutlhi di tseetse monnamogolo wa kwa Thomeng R10 000 le go mo fisa ka iron


Setshwantsho: William Masibi go begwa fa a fisitswe ke dirukutlhi  

Ka OBAKENG MAJE

Rremogolo wa dingwaga di le 76 kwa motseng wa Thomeng, gaufi le Taung, William Masibi are, o tshelela mo letshogong morago ga go tsenelelwa ke banna bangwe ba dirukutlhi ba ba sa itsiweng. Go ya ka motlhokomedi (guardian) wa ga Masibi, banna ba le bararo ba ba ne ba rwele dithiba-matlho (balaclava), ba ne ba kgorogela Masibi ka dithunya ka 26 Diphalane 2023 fa masigo asa. Go begwa fa banna ba, ba ne ba laela Masibi go ba neela madi a seatleng.

Fela Masibi one a latola le go ba kaela fa a sena le sente o montsho. Banna ba, go begwa fa ba ne ba tobetsa iro ya motlakase le go e baya Masibi mo mokwatleng. Go begwa fa Masibi o a ne a sha letlalo go utlwala, a ne a a ba neela madi a seatleng a kanang ka R10 000.

Motlhokomedi, Bernard Mqaisa wa tlhalosa: “Banna ba, ba ne ba fisa Masibi ka iron ya diaparo, mme ba mo tlogela ka dikgobalo tse di tsitsibanyang mmele. Ba ne ba mo tseela madi a kanang ka R10 000 ga mmogo le mogala wa letheka.

“Kgetsi e ne ya bulwa ka di 9 Ngwanatsele 2023. Maswabi ke gore, ga gona lepodisi lepe le le tlileng la tla ko go ene. Le nna jaaka motlhokomedi wa gagwe, ga gona lepodisi lepe le le tlile la tla mo go nna le fa dinomoro tsaka tsa mogala di le mo kgetsi eo.”

Mqaisa are o ile a amogela molaetsa o shupang fa kgetsi e butswe, mme ba mo kaela fa kgetsi ya ga Masibi e batlisisiwa ke letseka, Humility Boingotlo Tokwe.

“Ka Labone wa beke e e fetileng, ke ne ke ile kwa di kantorong tsa matseka go ya go kopana le letseka le le tshwereng kgetsi. Fela, ke ne ka laelwa fa a seo a le kwa seteisheneng sa sepodisi. Kene ka leba teng, mme ka mo fitlhela.

“Se se ileng sa mmakatsa ke gore, letseka le le tshwereng kgetsi le ne le sa itse sepe ka kgetsi e fa ke ne ke mo botsa gore o bo kgakala jo bo kae. One a tlhalosa fa go sena kgetsi e a itseng ya ga Masibi e e mo leineng la gagwe go batlisiswa,” Mqaisa wa tlhalosa.

Mqaisa are, Tokwe le ene one a makala thata fa a bula khompuita fa a bona gore tota ke nnete ke ene mmatlisise wa kgetsi. Mqaisa are omakadiwa ke gore go tla jang Tokwe a neilwe kgetsi, mme a sa itse sepe ka yone.  

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, tiragalo e, e diragetse fa masigo asa, mme dipatlisiso di tsweletse.

“Jaaka sepodisi, re tlhaloganya sentle ka tiragalo e. Go kaiwa fa dirukutlhi tse, di ne tsa tlhasela monnamogolo o, le go mo tseela madi a seatleng pele ba inaya naga. Fela ga se nnete gore sepodisi se goga dinao mo go batlisiseng kgetsi e.

“Letseka le le batlisisang kgetsi, le tlhalositse fa lebuisana thata le Masibi le go mo neela tshedimosetso gore dipatlisiso di tsamaya kae,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com