Mosimanyana o tlhokafetse kwa Lekaleng morago ga go gatiwa ke serori se se gelelang metsi


Setshwantsho-papiso: Letamo le sepodisi le ntshitseng moswi o a ne a nwetse mo go lone

Ka OBAKENG MAJE

Mosimanyana wa dingwaga di le 12 o tlhokofetse kwa motseng wa Lekaleng, gaufi le Taung ka Labotlhano. Se se tla morago ga gore a gatiwe ke serori. Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, moswi ga mmogo le ditsala tsa gagwe ba ne ba ile go thuma kwa Mangope Dam fa serori se se gelelang metsi se ne se fitlha.

“Go ya ka dipego, basimane ba, ba ne ba palama serori se, mme mokgweetsi was one ga a ba bona. Moswi one a wa, mme a gatwa ke serori se.

“Ba ditirelo tsa phaloso, ba ne ba bilediwa kwa lefelo la tiragalo, mme ba netefatsa fa moswi a tlogetse botshelo jo bo ka kwano. Kgetsi ya dipaltisiso tsa morago ga loso di butswe,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.