
Setshwantsho: Modiri wa masepala wa selegae wa Lekwa-Teemane kwa Christiana, Kenneth Kabelo Mokhakho/Facebook
Ka OBAKENG MAJE
Modiri o a rorang matlakala kwa masepaleng wa selegae wa Lekwa-Teemane, Kenneth Kabelo Mokhakho, o ikopetse maitshwarelo morago ga go bonwa mo setshwantshong sa motsikinyego ka Labobedi a utswa senotshididi kwa lebenkeleng lengwe kwa motse-setoropong wa Utlwanang kwa Christiana.
Tiragalo e, ile ya makatsa bontsi jwa batho go bona Mokhakho a fologa lori ya masepala ka lobelo, mme a fitlha a tsaya senotsididi se seneng se le mo godimo ga tafole. Ene ya re morago, one a ikitaya ka lobelo, le go tsena mo loring e eneng e mo emetse.
Go begwa fa tiragalo e, e diragetse kwa lebenkeleng la ga Pascal Letebele. Jaanong, Mokhakho one a ikopela maitshwarelo mo letlhareng la gagwe la Facebook.
“Tla ke tseye tshono e go ikopela maitshwarelo thata mo go se se diragetseng ka Labobedi thapama mo tiragalong ya gore ke be ke tshotse senwamapodi kwa lebenkeleng la ga Pascal Letebele. Ke kopa maitshwarelo thata mo go rrakgwebo le ba lelapa la gagwe.
“Phoso e tsamaya le mogatisi, mme ke ikopela maitshwarelo mo go botlhe ba ke ba utlwisitseng botlhoko ka tiragalo e. Ke solofela fa ba ka nkinela matsogo metsi,” Mokhakho wa tlhalosa.
Motlatsa-mokwaledi wa lekoko la Economic Freedom Fighters (EFF) mo porofenseng ya Bokone Bophirima, gape yo ele molekgotlha teng kwa masepaleng o, Justice Dabampe are, tiragalo e e makaditse batho ba le bantsi.
Kgabagare, majoro wa masepala, Sebang Motlhabi ga tshwaela mo ntlheng e.