Monna wa kwa Matlapaneng one a ile moketeng wa dingaka o bonwe a tlhokafetse


Setshwantsho: Setopo sa ga Shadrack Mbuyiselo Khumalo se bonwe

Ka OBAKENG MAJE

Setopo sa monna one a begwa a timetse morago ga go ya kwa moletlong wa dingaka one o tshwaretswe kwa motseng wa Matlapaneng, gaufi le Taung mo bekeng e e fetileng, se bonwe. Go ya ka ba sepodisi, setopo sa ga Shadrack Mbuyiselo Khumalo (52) se bonwe kwa motseng wa Diretsane mo letsatsing la maabane. 

Sebueledi sa sepodisi kwa sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are: “Setopo sa monna o, se bonwe ke mongwe wa baagi mme ba lelapa la moswi ba netefaditse fa ele ene. 

” Jaanong jaaka sepodisi, re ile ra bula kgetsi ya morago ga loso, ” van Rooyen wa tlhalosa.

Kgabagare, morwa rragwe moswi, Jabulani Khumalo, one a tlhalosetsa bobega-dikgang jwa Taung DailyNews Shadrack Mbuyiselo Khumalo a ne a kaya fa a ya go busa maoto kwa moketeng wa dingaka ka Lamatlhatso, fela ka maswabi ga ka a boela gae. 

“Nna ke lemogile ka Mosupulogo gore nkgonne ga a yo mo lapeng. Jaanong, ke ne ka utlwa dipego tsa gore one a ile kwa moketeng wa dingaka ka Lamatlhatso. Jaanong, re ile ra tswa letsholo le baagi go ka mo batla, fela ga ra mmona.

“Re ne ra go bula kgetsi ya motho o timetseng kwa sepodiseng,” Jabulani wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com

Setshwantsho: Setopo sa ga Shadrack Mbuyiselo Khumalo se bonwe

Modiri wa masepala kwa Lekwa-Teemane o a latofadiwang ka go utswa senotsididi, o ikopetse maitshwarelo


Setshwantsho: Modiri wa masepala wa selegae wa Lekwa-Teemane kwa Christiana, Kenneth Kabelo Mokhakho/Facebook    

Ka OBAKENG MAJE

Modiri o a rorang matlakala kwa masepaleng wa selegae wa Lekwa-Teemane, Kenneth Kabelo Mokhakho, o ikopetse maitshwarelo morago ga go bonwa mo setshwantshong sa motsikinyego ka Labobedi a utswa senotshididi kwa lebenkeleng lengwe kwa motse-setoropong wa Utlwanang kwa Christiana.

Tiragalo e, ile ya makatsa bontsi jwa batho go bona Mokhakho a fologa lori ya masepala ka lobelo, mme a fitlha a tsaya senotsididi se seneng se le mo godimo ga tafole. Ene ya re morago, one a ikitaya ka lobelo, le go tsena mo loring e eneng e mo emetse.

Go begwa fa tiragalo e, e diragetse kwa lebenkeleng la ga Pascal Letebele. Jaanong, Mokhakho one a ikopela maitshwarelo mo letlhareng la gagwe la Facebook.

“Tla ke tseye tshono e go ikopela maitshwarelo thata mo go se se diragetseng ka Labobedi thapama mo tiragalong ya gore ke be ke tshotse senwamapodi kwa lebenkeleng la ga Pascal Letebele. Ke kopa maitshwarelo thata mo go rrakgwebo le ba lelapa la gagwe.

“Phoso e tsamaya le mogatisi, mme ke ikopela maitshwarelo mo go botlhe ba ke ba utlwisitseng botlhoko ka tiragalo e. Ke solofela fa ba ka nkinela matsogo metsi,” Mokhakho wa tlhalosa.

Motlatsa-mokwaledi wa lekoko la Economic Freedom Fighters (EFF) mo porofenseng ya Bokone Bophirima, gape yo ele molekgotlha teng kwa masepaleng o, Justice Dabampe are, tiragalo e e makaditse batho ba le bantsi.

Kgabagare, majoro wa masepala, Sebang Motlhabi ga tshwaela mo ntlheng e.

taungdailynews@gmail.com