
Setshwantsho: Monna o a timetse, Shadrack Mbuyiselo Khumalo
Ka OBAKENG MAJE
Ba lelapa la ga Khumalo kwa motseng wa Matlapaneng, gaufi le Taung, ba kaile fa ba batlana le morwa rra bone, Shadrack Mbuyiselo Khumalo (52) o go begwang fa a timetse. Go ya ka Jabulani Khumalo, morwa rragwe one a tlhalosa fa a ya go busa maoto kwa moketeng wa dingaka ka Lamatlhatso, fela ka maswabi ga se a boele gae le go fitlha ga jaana.
“Nna ke lemogile ka Mosupulogo gore nkgonne ga a yo mo lapeng. Jaanong, ke ne ka utlwa dipego tsa gore one a ile kwa moketeng wa dingaka ka Lamatlhatso. Jaanong, re ile ra tswa letsholo le baagi go ka mo batla, fela ga ese re mo bone.
“Re ne re ikuela go botlhe ba ba ka tswang ba na le tshedimosetso gore re ka mo batlela ntlha efe, ba re itsise. Re tswa go bula kgetsi kwa sepodiseng, mme re sentse re beile letsogo mo phatlheng,” Jabulani wa tlhalosa.
Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are: “Go begwa fa monna o a sa itekanela sentle mo tlhaloganyong. Jaaka sepodisi, re butse kgetsi ya go timela ga motho, mme dipatlisiso ditsweletse.”