Baagi ba Itireleng ba latofatsa sepodisi ka go roba container ya bone le go letla badiri ba IEC go ka e dirisa ntle le tetla ya bone


Setshwantsho: IEC e rotloeditse baagi go ka tla ka makatla a namane

Ka OBAKENG MAJE

Modulasetilo wa Independent Electoral Commission (IEC) mo Bokone Bophirima, Dr Tumelontle Thiba are, ba itumeletse thologelo e ba e boneng ka mafelo a beke fa ba ne ba tsweletse ka ikwadiso ya ditlhopho. Thiba are, le fa ba itemogetse dikgwetlho, sengwe le sengwe se tsamaile fela jaaka ba ne ba solofetse.

“Jaaka IEC, re tsamaile sentle, mme re bone baagi ba feta 181 000 ba etela mafelo a rona a ikwadiso go ralala porofense ka bophara. Seelo sa rona se re ne re se ipeetse sa ikwadiso ya ditlhopho, ene ele go bona batho ba bantsha (new voters) ba le 29 000.

“Fela go fitlha ga jaana, le fa re setse re tsweletse ka go tlanya dinomore, re ka go netefaletsa fa re eme go 20 000 go fitlha ga jaana. Gape, se ke tla se tlhalosang ke gore, batho ba ba ikwadiseditseng ditlhopho mo matsatsing a mabedi a fetileng, 50% ya bone e nnile basha ba dingwaga ma gareng ga 16 go fitlha go 21,” Thiba wa tlhalosa.

Are le fa ba itemogetse dikgwetlho kwa motseng wa Itireleng, gaufi le Taung, ene ese sepe se se kalo. Thiba are, go begwa fa ka Lamatlhatso, monna mongwe one a gana ka dinotlolo tsa container ya baagi e ene e tshwanetswe go dirisiwa ke badiri ba IEC.  

“Mme seo se ne sa lebisa kwa goreng sepodisi se tsereganye ka go roba container eo. Maitlhomo ene ele go letla badiri ba rona ba IEC gore ba tswelele ka tiro ya bone. Ko Apple Dry, baagi ba ne ba ganela rre yo oneng a tshwanetswe go tlhoma tente gore a e tlhoma.

“Seo se diragetse ka Lamatlhatso, fela ka la Tshipi, badiri ba rona ba ile ba tswelela ka tiro ya bone go se letsapa le le ba fisang pelo. Kwa Uitkyk, Weltevreden ga mmogo le Mooipan, baagi ba ile ba thibela badiri ba IEC,” Thiba wa tlhalosa.

Thiba are baagi ba ne ba lotlela mafelo a neng a tshwanetswe ke go dirisiwa ke ba IEC, fela ba ile ba roba ele ka maitlhomo a go kgontsha badiri ba bone gore ba tswelele ka tiro ya ikwadiso. Are, mo mafelong otlhe a ikwadiso ale 1737 go raralala porofense, ke a le supa fela a nnileng le mathata a go bulwa thari.

Fela mongwe wa baeteledipele kwa motseng wa Itireleng, Itumeleng Pholo are, ba ne ba kwalela IEC le go ba itsise gore jaaka morafe, ga batle go ikamanya le kwadiso eo ya ditlhopo.

“Rele baagi ba motse wa Itireleng rene ra itsise ba IEC gore ga re tle go ikamanya le kwadiso ya ditlhopo tsa bosetshaba tsa ngwaga o tlang. Ebile, ga re tle go letlelela lekoko lepe la ditlhopo mo motseng wa rona.

“Ka Moshupulogo wa beke e e fetileng, re ile ra nna le kopano le go kwalela ba IEC gore ba se tsene ka motse wa rona. Fela, ka Lamatlhatso, sepodisi se tswa go roba container ya baagi le go letla badiri ba IEC go e dirisa,” Pholo wa tlhalosa.

Pholo are jaanong ba akanya go ya go bula kgetsi ya go thuba kgatlhanong le sepodisi, gonne ba ba siamoletse.

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are: “Ee, ke nnete jaaka sepodisi re a itse ka morero o. Fela, ba IEC ba ile ba tlhalosa fa ba nnile le tumalano le mongwe wa container eo go ka e dirisa.

“Jaanong, dinotlolo tsa container eo, di ne di seo mme fela mongwe wa container eo one a letlelela sepodisi go roba ka maitlhomo a go letla badiri ba IEC go ka tswelela ka tiro ya bone.”

Van Rooyen are ga gona kgetsi e e butsweng kgatlhanong le sepodisi go fitlha ga jaana.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.