Kgetsi ya lekwalo-thibelo kgatlhanong le naledi ya maloba ya kgwele ya dinao e buseditswe morago


Setshwantsho: Mongwe wa baeteledipele wa baagi, Onalenna Benni Setumisho/Facebook  

Ka OBAKENG MAJE

Ditheetso mo kgetsing ya lekwalo-thibelo kgatlhanong le naledi ya maloba ya kgwele ya dinao, Onalerona Benni Setumisho, yo ga jaana eleng mongwe wa baeteledipele wa baagi kwa motseng wa Manthe, gaufi le Taung ga di a tswelela. Seno se tla morago ga gore, magistrata, Thataetsile Matolong, yo one a tshwanetswe ke go reetsa maphata a le mabedi mo kgetsing e, a se nne teng.

Go begwa fa Matolong a na le loso kwa gabo, mme seo se mo itsitse go tla kgotlha-tshekelo. Kgosi ya Baga-Maidi, Nnyoko Charles Motlhabane, o dirile lekwalo-thibelo kgatlhanong Setumisho, mme a mo latofatsa ka go mo tlhapaola.

Go ya ka tshedimosetso e bobega-kgang jwa rona jwa Taung DailyNews bo e fitlheletseng, Setumisho o ile a amogela lekwalo-thibelo ka di 16 Diphalane 2023 go tswa kwa go Motlhabane. Setumisho are, lekwalo-thibelo leo, le ne la mo kaela fa a sa tshwanelwa ke go atimela gaufi le ntlo ya segosi kwa Motlhabane a dulang teng.

“Ke nnete ke ile ka amogela lekwalo-thibelo go tswa kwa go Motlhabane, mme ke ne ke sa tlhaloganye gore lekwalo-thibelo leo ke la eng gonne ga e se ke tsamaye ke kopane le Motlhabane mo sebakeng sa ngwaga le seripa.

“Labofelo fa kene ke kopana le Motlhabane, ene ele ka nako e morafe one o ntsha matshwenyego mabapi le go bulwa ga matekiri mo motseng mo ngwageng o fetileng. Jaanong, ke ile ka makala thata ha ke fitlhela mapodisi ka dikoloi tsa bone tse di itsegeng jaaka di hippo, ba tlile go kgokgontsha ba lelapa laka ba ituletse monate,” Setumisho wa tlhalosa.

Setumisho are, ebile one a nagana fa mapodisi a tlile go mo tshwara go ya ka mokgwa o ba ne ba le bantsi ka teng. Are, mo lekwalo-thibelong leo, Motlhabane o mo laela gore a tsamaele bokgakajana jwa dimitara di le 200 go ntlo ya segosi, ga mmogo le dikantoro tsa morafe.

“Fela, se se makatsang ke gore, dikantoro tsa morafe ke ko re bonang ditirelo teng. Gape, lekwalo-thibelo leo le tlhalosa fa ke sa tshwanela go ka dira dikopano kgotsa go thibela ditirelo mo motseng. Mme ke sa itse gore o raya jang.

“Fela dintlha tsotlhe ke tla di utlwa go tswa mo molomong wa gagwe ka letsatsing la tsheko kwa kgotlha-tshekelo. Motlhabane gape o ntatofatsa ka go mo roga, mme ga ke itse gore leng. O tla tshwanelwa ke go tlhagisa bopaki joo botlhe fa pele ga lekgotlha gore le nna ke kgone go ikarabela,” Setumisho wa tlhalosa.

Bangwe ba baagi ba tlhalositse fa se se dirwang ke Motlhabane ele go kgokgontsha morafe, mme ba tlile go ema Setumisho nokeng.

Kgabagare, Motlhabane are ga nkitla a kgona go tshwaela mo kganyeng e. Kgetsi e buseditswe morago go fitlha 24 Ngwanaitsele 2023.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.