
Ka OBAKENG MAJE
Setopo sa monna se bonwe kwa ntlung nngwe kwa motseng wa Manokwane, gaufi le Taung mo letsatsing la Laboraro mo thapameng. Go ya ka dipego, Kgosiemang Mothibi wa dingwaga di le 50, o fitlhetse a ikaleditse kwa ntlung ya gagwe, mme setopo sa gagwe sene se setse se senyegile.
Go begwa fa ba lelapa la ga Mothibi, ba feleleditse go bona Kgosiemang la bofelo ka letsatsi la Tshipi.
Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are: “Ke nnete sepodisi sene sa bilediwa kwa lifelong la tiragalo kwa ba fitlhetseng monna wa dingwaga dile 50 a ikaleditse. Setopo seo, sene se setse se senyegile, mme ga go belaelwe fa go nnile le letsogo la tshwene mo losong leo.
“Sepodisi se butse kgetsi a dipatlisiso tsa morago ga loso. Go fitlha ga jaana, ga go itsiwe sebakwa se se tlhodileng gore monna o, a ikgwagetse,” van Rooyene wa tlhalosa.