Mongwe wa babelaelwa mo kgetsing ya go utswa madi a stokvel kwa Lokaleng o tshwerwe


Ka OBAKENG MAJE

Monna wa dingwaga dile 39 o solofetse go ka tlhagelela kwa kgotlha-tshekelong ya Taung ka Labotlhano, morago ga go tshwarwa. Seno se tla morago ga ma gatwe a gore, banna bangwe ba le bararo ba ba itsiweng, ba ne ba kgorogele basadi bangwe ba ba ne ba bala madi a bone a stokvel kwa motseng wa Lokaleng, gaufi le Taung ka Lamatlhatso.

Go begwa fa basadi ba, ba ne ba bala madi a lekanyediwang go R11 000, fa ba ka kgorogelwa ke babelaelwa ba go begwang fa ba ne ba tshwere dithunya le dithipa. Go ya ka sebueledi sa sepodisi kwa sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati mo Bokone Bophirima, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, mapodisi ba tshwere mongwe wa ba belaelwa mo letsatsing la gompieno.

“Re le sepodisi, re ka netefatsa fa mongwe wa ba belaelwa mo kgetsing ya go kgothosa o tlhometse e e diragetseng kwa motseng wa Lokaleng ka Lamatlhatso, a tshwerwe. Mmelaelwa o, o tla tlhagelela ka boripana kwa kgotlha-tshekelong ya Taung mo letsatsing la kamoso.

“Mmelaelwa o lebagane le kgetsi ya go kgothosa a tlhometse, mme sepodisi se mo motlhaleng wa babelaelwa ba bangwe,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.