Maloko a stokvel a tshwerwe poo kwa Mokgareng, mme ga tsewa R113 000  


Ka OBAKENG MAJE

Sepodisi mo kgaolong ya Taung, se ikuela go botlhe ba ba tlileng go kgaoganya madi a letsema le lebidiwang stokvel, ba ikele tlhoko ka dinako tsotlhe. Se se tla morago ga gore, maloko a le mabedi a stokvel kwa motseng wa Mokgareng, ba tseelwe madi a lekanyediwa go R113 000.

Go begwa fa maloko a, ba ne ba bala madi mme ene ya re moragonyana fa o mongwe wa leloko a tsamaile, banna ba le babedi ba ne ba kgorogelwa o madi a ne a le mo go ene. Go begwa fa ba ne ba fitlha ba mo supa ka sethunya, mme ba mo kaela gore a ba neele madi.

Fela mosadi yo, one a latola fa madi a le mo go ene. Go begwa fa banna ba, ba ne ba puruputsha ntlo le go batlana le madi. Ene ya nna a o ne o mpeile motho, mme ba ne ba tsamaya ka nngobo e sa fotlhwa. Go ya ka dipego, mosadi yo, one a letsetsa one a bala madi le ene, mme a mo kopa gore a tle go tsaya madi a, gonne gona le batho ba kgale ba mo supile ka sethunya ba a batla.

Go kaiwa fa sepodisi le sone sene sa lelediwa, mme mosadi o le ene, one a tla go tsaya madi a. Fela, tshega ene ya fapoga mo e nnang teng fa mosadi o tshotseng madi a ne a tla a tlhapile ka dikeledi, le go kaela mapodisi fa banna bao, ba ntse ba ile kwa lelapeng la gagwe, mme ba tshotse madi ao.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima kwa sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, tiragalo e ke ya ka Sontaga.

“Re ikuela go maloko a stokvel go se ntshe madi a bone kwa polokelong, mme se ba tla se dirang ke go tsenyetsa maloko a bone madi ka mokgwa wa EFT.

“Ga gona ope o tshwerweng mo tiragalong e, mme go begiwa fa banna bao ba ne ba le babedi. Tiragalo e e tshwanang le e e diragetse gape kwa motseng wa Lokaleng ka Lamatlhatso,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.