
Setshwantshopapiso: Baithuti ba sekolo sa Mokgareng ba itumeletse tiragatso ya seopedi sa mmino wa Gospel
Ka OBAKENG MAJE
Baithuti ba le bane ba marematlou kwa sekolong se segolwane sa Mokgareng, gaufi le Taung, ba ba ne ba tsenetse dikampa tsa go kwala diteko tsa bofelo jwa ngwaga, ba kobilwe kwa kampeng eo. Go begwa fa baithuti ba ba basetsana, ba ne ba thoba kwa kampeng eo ka Lamatlhatso bosigo, mme ba ya go iphanya ka ntse.
Go begwa fa baithuti ba, ba ne ba tla ba nkga bojalwa ba re phuu, mme ba fitlha ba tsosa modumo le go baka dintwa kwa kampeng eo. Sebueledi sa Lefapha la Thuto mo Bokone Bophirima, Mphata Molokwane, o netefadileditse Taung DailyNews, fa ele nnete gore baithuti bao, ba ne ba thoba le go ya go nwa bojalwa, fela o ganeditse dipego tsa gore, ba ile ba baka dintwa.
“Ka Lamatlhatso bosigo ka ura ya 11, mogokgo wa sekolo one a letsediwa ke mongwe wa lekolo la lekgotlha-tsamaiso ya sekolo (School Governing Body), mme a mo kaela fa gona le baithuti ba ba tagilweng, ebile ba lwantsha moithuti mongwe. Gone ka nako eo, mogokgo one a tabogela kwa sekolong, mme a fitlhela go sena ntwa.
“Fela, ke nnete o fitlhetse baithuti bao, ba iphantse ka ntse. Ga go itsiwe gore baithuti ba, ba thobile jang kwa kampeng, gonne dikgoro tsa sekolo di ne di lotletswe. Mogokgo one a ntsha baithuti bao mo go ba bangwe, mme a ba tsenya mo phaphusing ya bone ba le nosi,” Molokwane wa tlhalosa.
Molokwane are, ene ya re mo mosong ka la Tshipi, mogokgo one a itsise baithuti bao, fa ba kobilwe kwa kampeng eo. Molkwane are gape, go ne go na le dipego tsa gore, gona le batho bangwe ba ba sa itsiweng ba ba ne ba kokota mo diphaphusing tsa baithuit bangwe fa ba robetse.
“Fela, morago ga dipatlisiso, ga re a bona ope kwa sekolong, mme re belaela fa ene ele mongwe wa baithuti ba basimane morago ga go utlwa modumo kwa diphaphusing tsa basetsanyana. Mogokgo one a netefatsa fa baithuti ba sireletsegile kwa sekolong, mme go sena matshosetsi ape.
“Ka ura ya bosupa mo mosong, mogokgo gape one a bona mogala go tswa go modula-setilo wa lekgotlha-tsamaiso la sekolo, yo one a mo kaela fa a bone mogala go tswa go batsadi bangwe ba baithuti. One a kaela mogokgo fa batsadi bao, ba tshosetsa ka go ntsha bana ba bone kwa kampeng gonne ba sa sireletsega,” Molokwane wa tlhalosa.
Molokwane are, gape mogokgo one a tabogela kwa sekolong. Are ba ne ba tsireganya, mme ba netefaletsa batsadi fa baithuti ba sireletsegile.
Kgabagare, modula-setilo wa lekoko la sepolotiki la Economic Freedom Fighters (EFF) kwa kgorwaneng ya bosupa, Moelegang Magano are: “Re ile ra kopana le botsaisi jwa sekolo, mme ra dumalana ka bongwe jwa pelo gore, re tlile go thusa sekolo ka go netefatsa fa baithuti ba sireletsegile. Jaanong, re dumalane KA go thapa mongwe wa batlhankela ba tshireletso ba banang le ditlankana tse di maleba go ka netefatsa fa tshireletso ele ya maemo a kwa godimo kwa sekolong.”