Mosimanyana o nwetse mo metsing kwa Maphoitsile


Ka OBAKENG MAJE

Mosimanyana wa dingwaga dile 3 o nwetse mo kanaleng kwa motseng wa Maphoitsile, gaufi le Taung mo letsatsing la maabane. Go begwa fa mosimanyana o, a ne a tshameka kgwele ya dinao le ditsala tsa gagwe fa kgwele ya gagwe ene e wela mo kanaleng.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima kwa sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer, Tryphosa van Rooyen, o tlhalositse fa moswi a ne a tsena mo metsing ka maitlhomo a go ntsha kgwele ya gagwe.

“Moswi one a gogolwa ke metsi, mme a nwela. Setopo sa gagwe sene sa bonwa kwa motseng wa Manokwane. Jaaka sepodisi, re butse kgetsi ya dipatlisiso tsa morago ga loso,” Van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.