Banna ba le babedi ba kwa Dikhuting ba ba latofadiwang ka go utswa dipudi ba neetswe beile


Setshwantsho: Dipudi tse go begwang fa ele tsa bogodu/Setshwantsho-papiso

Ka OBAKENG MAJE

Banna ba le babedi ba kwa motseng wa Dikhuting, gaufi le Taung ba ba ne ba tshwarwa le go latofatswa ka go utswa dipudi dile 29 kwa motseng wa Manthe, ba tlhotse ba shadikantse matlho kwa kgotlha-tshekelong ya Klerksdorp mo letsatsing la gompieno.

Koronovea Modise le Keboikile Scotch Molefe, ba ne ba lelelwa ke ditshipi kwa tsela-kgolong ya N12, kwa motse-setoropong wa Jouberton, gaufi le Klerksdorp ka di 2 Ngwanatsele 2023. Go begwa fa Modise le Molefe, ba ne ba tshwarwa morago ga go fitlhelwa ka dipudi di le 29 tse go belaelwang fa ele tsa bogodu.

Go begwa fa banna ba, ba ile ba utswa dipudi tseo kwa motseng wa Manthe, mme ga fitlhelwa fa ele tsa monna mongwe wa morui, eleng Thapelo “Raider” Katong. Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Lieutenant Col Amanda Funani, batlhankela ba sepodisi ba ba ne ba le mo tirong, ba ne ba bona sejanaga se se belaetsang, mme ba se sala morago.

“Bane ba se emisa, mme ba kopa mokgweetsi go ka lekola sejanaga seo. Batlhankela ba sepodisi, ba kaile fa ba fitlhetse dipudi dile 29 kwa morago ga sejanaga seo (van). Banna ba, ba ne ba tshwarwa.

“Banna ba, ba lebagane le kgetsi ya go tshwara ka dipudi tse go belaelwang ele tsa bogodu,” Funani wa tlhalosa.

Kgabagare, sepueledi sa National Prosecuting Authority (NPA) mo porofenseng ya Bokone Bophirima, Henry Mamothame are, Molefe le Modise ba neetswe beile ya R700 mongwe le mongwe, mme kgetsi ya bone e buseditswe morago go fitlha 12 Sedimonthole 2023 fa dipatlisiso di tsweletse.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.