Masepala o latofatswa ka go se neele baagi ditirelo gonne ba voutetse F4SD


Setshwantsho: Tlhokego ya ditirelo ke tlhoba boroko kwa kgorwaneng ya borataro

Ka OBAKENG MAJE

Go tsogile tlhatlharuane kwa kgorwaneng ya borataro e akaretsang motse wa Myra, ga mmogo le Mogopela B kwa Taung. Seno se tla morago ga gore, baagi ba kaele Taung DailyNews fa ba sa bone ditirelo go tswa kwa masepaleng o mogolwane wa Taung gonne ba voutetse lekoko la sepolotiki la Forum 4 Service Delivery (F4SD).

Go ya ka molekgotlha wa kgorwana eo, Seakgamoriri Mmokwa wa lekoko la sepolotiki la F4SD, gona le maiteko a go netefatsa fa baagi ba sa bone ditirelo, gonne ba voutela F4SD. Mmokwa are, o lobaka a ikuela go masepala go ka tokafatsa ditirelo kwa kgorwaneng e, fela maiteko a gagwe a iteile sefololetsa.   

“Re itemogetse gore tshwetso tsa baagi tse ba di dirileng fa gone go dirwa Integrated Development Planning (IDP), ga di a tsewa tsia. Baagi ba dirile ditshwetso tseo ngwaga le ngwaga, mme ga gona sepe se se dirilweng.  

“Go bontsha fa go sa tle go dirwa sepe, gonne gona le Portfolio Committee ya mafaratlhatlha e e dirang ditsitsinyo ka di porejeke tse di tla tlang, fela kgorwana ya borataro ga eo moo, ntle ke porojeke ya go tsenya dipone tsa mo mebileng (high mast light) dile nne ka 2026,” Mmokwa wa tlhalosa.

Are, gona le porojeke ya metsi e eneng e tshwanetswe go ribololwa ka 2021, fela masepala one a e gogela morago ntle le mabaka a tsepameng. Go ya ka Mmokwa, masepala o tlhalositse fa madi a porejeke eo, a le mantsi. 

“Fela seo ene e se nnete gonne porojeke eo, ene e tlile go jela masepala madi a lekanyediwang go R7m. Fela, go bontsha fa go nnile le botsokunape gonne, motsamaisi wa maloba wa masepala, one a tsenya khansele ya masepala ka sekgwa ka go ba kaela fa porojeke eo e tlhoka R30m.  

“Jaanong, seo se re lemotsha gore kgang e, e dirilwe ka bomo gonne baagi ba ne ba tlile go bona fa F4SD e direla baagi. Le gompieno jaaka ke bua le wena jaana, ga gona metsi kwa kgorwaneng ya rona ya Myra le Mogopela B,” Mmokwa wa tlhalosa.

Fela motlatsa modula-setilo wa Myra Civic Movement, Obakeng Sentshegeng, o latofatsa Mmokwa ka go sa tsenele dikopano tsa baagi tsa kgwedi le kgwedi. Sentshegeng are, ba na le matsapa a tlhaelo ya metsi kwa motseng wa bone, ebile one a leba kwa dikantorong tsa masepala mo letsatsing la maabane go batla dikarabo.

“Metsi a na le kgwedi yotlhe a seo, mme go sena ope fela kgotsa molekgotlha wa rona go re bolelela gore go diragalang. Gape, molekgotlha wa rona ga tsenele dikopano tsa kgorwana ya gagwe. Ke ile ka leba kwa dikantorong tsa masepala, mme ka kopana le modiri teng yo ke ileng ka mo tlhalosetsa ka matsapa a rona a tlhaelo ya metsi.

“Fela, rre o, one a mpotsa gore molekgotlha wa rona ke mang, ebile le mokgatlho wa sepolotiki o re o voutetseng ke ofeng. Seo, se ile sa ntemosa gore re otlhaelwa gore re be re voutetse mokgatlho wa F4SD ka ntlheng ya gore, ga re bone ditirelo kwa motseng wa rona,” Sentshegeng wa tlhalosa.

Kgabagare, masepala ga wa araba mo ntlheng eo.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.