Monna oneng a begwa fa a timetse kwa Vryburg o bonwe


Setshwantsho: Monna o oneng a begwa fa a timetse, Major Okedutse Itumeleng o bonwe

Ka OBAKENG MAJE

Monna wa kwa Vryburg yo oneng a begwa fa a timetse, Major Okedutse Itumeleng (47), o bonwe ke bangwe ba baagi a rapaletse fa thoko ga tsela kwa motseng wa Kroondal, gaufi le Rustenburg. Go begwa fa Itumeleng one ana le dintho tsa go teketiwa.

Go begwa fa Itumeleng, a amogetswe kwa bookelong jwa Job Shimankane Tabane ka dikgobalo tse di masisi. Go ya ka dibego, one a teketiwa ke batho ba bas a itsiweng.   

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Leftenente Kolonele, Amanda Funani are, go begwa fa Itumeleng, ane a tseelwa dilwana tsa gagwe jaaka karata ya banka ga mmogo le mogala wa letheka.

“Go begwa fa Itumeleng a ne a pegwa ke banna ba le babedi mo sejanageng ka 27 Diphalane 2023 go tswa kwa Vryburg, mme ba kaya fa ba leba kwa Johannesburg. Go begwa fa Itumeleng, a ne a leba kwa toropong ya Johannesburg fa se, sene se diragala. Fela, banna ba, ba ne ba leba kwa Rustenburg.

“Sepodisi ga mmogo le baagi ba kwa Vryburg, ba ne ba bolotsa letsema la go batlana le Itumeleng, fela ga seka ga nna le nko e e tswang lemina. Re le sepodisi, re leboga baagi ba ba thusitseng mo go boneng Itumeleng,” Funani wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.