Banna ba le bararo ba kwa Dikhuting ba solofetswe go tlhagelela kwa kgotlha-tshekelo mabapi le go utswa dipudi


Setshwantsho: Dipudi tse go begwang ele tsa bogodu

Ka OBAKENG MAJE

Banna ba le bararo ba go belaelwang ele ba kwa motseng wa Dikhuting, gaufi le Taung, ba solofetswe go tlhagelela kwa kgotlha-tshekelo ya Klerksdorp mo letsatsing la gompieno mabapi le go tshola dipudi tse go belaelwang ele tsa bogodu mo go bone.

Banna ba, ba leletswe ke ditshipi kwa tsela-kgolong ya N12 kwa motse-setoropong wa Jouberton, gaufi le Klerksdorp ka di 2 Ngwanatsele 2023. Go begwa fa banna ba, ba ne ba tshwarwa morago ga go fitlhelwa ka dipudi di le 29 tse go belaelwang fa ele tsa bogodu.

Go begwa fa banna ba, ba ile ba utswa dipudi tseo kwa motseng wa Manthe, mme ga fitlhelwa fa ele tsa monna mongwe wa morui, Thapelo “Raider” Katong. Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Lieutenant Col Amanda Funani, batlhankela ba sepodisi ba ba ne ba le mo tirong, ba ne ba bona sejanaga se se belaetsang, mme ba se sala morago.

“Bane ba se emisa, mme a kopa mokgweetsi go ka lekola sejanaga seo. Batlhankela ba sepodisi, ba kaile fa ba ne ba fitlhela dipudi dile 29 kwa morago ga sejanaga seo (van). Banna ba le bararo ba ne ba tshwarwa, mme ba tla tlhagelela kwa Kgotlha-Tshekelo ya Klerksdorp fa Ngwanatsele a tlhola matsatsi ale 6.

“Banna ba, ba lebagane le kgetsi ya go tshwara ka dipudi tse go belaelwang ele tsa bogodu,” Funani wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.