
Setshwantsho: Dilwana tse di silweng ke nako dintshiwa mo mabentleng kwa motseng wa Kgomotso
Ka OBAKENG MAJE
Molekgotlha wa kgorwana ya 20 kwa metseng e tshwana le Kgomotso, Losasaneng, Kameelpuit le metse e mabapi, Itumeleng Maribe are, ba tlile go tswelela ka go netefatsa fa mafelo a rekisang dilwana (tuck shops) a rekisa dilo tse di sa siwang ke nako.
Maribe are ka Labobedi, ba ne ba tswile letsholo le go netefatsa fa mafelo ao a ikamagana le melao le melawana ya go rekisa dijo tse di itekanetseng.
“Rene re tswile letsholo le go netefatsa fa mafelo ao a ikamagana le melao le melawana ya thekiso. Re ile ra tsena mo mafelong ao (tuck shops) ale 14, mme re ile ra tlosa dilwana tse di fetilweng ke letlha tsa boleng jwa R500 000.
“Kwa motseng wa Kgomotso, re tsene mo mafelong a go rekisa (tuck shops) dile supa, fa kwa Losasaneng re ile ra etela mafelo ao a le tharo. Kwa Ikageng gone, re etetse mafelo ao ale nne. Rene re tsamaya le ba Lefapha la Merero ya Selegae go ka netefatsa fa batswa-kwa ba ba dirang kgwebo mono ba na le ditlankana tse di maleba,” Maribe wa tlalosa.
Gape Maribe o kaile fa ba tlile go dira seno morago ga dikgwedi di le tharo. Are ba tlositse dilwana tse di silweng ke nako jaaka dinama, ditlhapi ga mmogo le dikuku.
Baagi ba kwa Tamasikwe le bone ba ikuetse go puso go ka netefatsa fa mafelo a rekisang dijo le dilwana tse dingwe a ikamagana le melao le melwana. Mongwe wa baagi, Gaolatlhwe Raito are, baagi ba ne ba ipelaetsa ka Labobedi morago ga gore mongwe wa bone a reke boroto jo bo silweng ke nako.
“Baagi ba Tamasikwa ba tlhotse ba ipelaetsa kgatlhanong le thekiso ya dilwana tse di fetilweng ke nako kwa mabentleleng a farologaneng,” Raito wa tlhalosa.
Kgabagare, Lefapha la Tlhabololo ya Ikonomi, Botsweletse le Tlhago, le kaile fa le tlile go samagana le mabentlele a rekisang dilwana tse di fetilweng ke letlha. Sebueledi sa lefapha, Jerry Matebesi are ba tlile go tlhoma semmuso letsema la Latela Molao.
“Re ikuela go botlhe ba ba rekisang dilwana tse di fetilweng ke letlha go ka emisa go dira jalo. Botlhe ba ba tswelelang go dira jalo, ba tlile go lebagana le dipela di huduga, mme batla digamma ba sa ditlhapelwa. Ga nkitla re tshaba go ka tsenya molalwana wa Consumer Affairs Act mo tirisong.
“Molawana o, o netefatsa fa kgwebisano magareng ga modirisi le morekisi e nna le maikarabelo. Gape, o lebagane le go netefatsa fa badirisi ba sa gatelelwe. Jaaka lefapha, re ikuela go bareki botlhe go netefatsa fa ba ela tlhoko dilwana tse ba di rekang gore ga dia fetiwa ke nako,” Matebesi wa tlhaosa.