Baithuti bangwe ba iponetse dikgobalo morago ga go tlhaselwa ke dinotshi kwa sekolong


Setshwantsho: Batsadi ga mmogo le baithuti kwa kliniking ya selegae

Ka OBAKENG MAJE

Baithuti ba feta 20 kwa sekolong se se potlana sa Mamusa gaufi le Schweizer Reneke, ba ne ba tlhaselwa ke motshitshi wa dinotshi mo letsatsing la Labone. Go kaiwa fa baithuti ba, ba ne ba tshameka kwa sekolong mo mosong fa tiragalo e, ene e direga.

Go ya ka sebueledi sa Lefapha la Thuto mo Bokone Bophirima, Mphata Molokwane, lefelo le baithuti ba tlhasetsweng ke dinotshi kwa go lone, ga se le ba tshamekelang kwa go lone ka gale.

“Barutabana ba ne ba utlwa segajaja sa baithuti ba baneng ba goeletsa le go lopa thuso. Baithuti ba, ba ne ba rwalelwa kwa bookelong go bona thuso ya potlako. Le ba thuso ya potlako, Emergency Medical Services, le bone ba ne ba bidiwa go ka tla go thusa.

“Lekgotlha-tsamaiso la sekolo le ne la laela gore, go bidiwe baitsanape ba ba dirang ka dinotshi le go dintsha kwa sekolong. Seno, ke masetla-pelo, fela ke tiragalo e eneng e sa lebelelwa,” Molokwane wa tlhalosa.

Kgabagare, bangwe ba batsadi ba ikuela go sekolo gore se netefatse fa bana ba bone ba dula ba sireletsegile ka dinako tsotlhe kwa sekolong. Mongwe wa batsadi yo o sa batlang leina la gagwe le itsiwe are: “Ke batla go itse gore dinotshi tse di na le nako e kae di le kwa sekolong ntle le gore batsamaisi ba sekolo ba di bone.

“Re utlwa ka mabare-bare gore, baithuti ba, ba ne ba kgotlha-kgotlhana le dinotshi tse kwa morago ga sekolo, mme tiragalo e, ke ya mo mosong. Seemo se ne se tswile taolong, mme re ile ra tabogela kwa sekolong go ya go iponela ka matlho.”

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.