
Setshwantsho: Baagi ba kwa motse-setoropong wa Tswelelang ba amogela moeteledipele wa EFF, Julius Malema
Ka OBAKENG MAJE
Moeteledipele wa lekoko la sepolotiki la Economic Freedom Fighters (EFF), Julius Malema o rotlweditse molekgotlha o sa tswang go tlhopiwa, Lehlohonolo Metoa go ka dirisana thata le baagi. Seno se tla morago ga gore, Metoa a tlhopiwe jaaka molekgotlha wa EFF le go etelela pele kgorwana ya boraro kwa motse-setoropong wa Tsweleleng kwa masepaleng wa Maquassi Hills, gaufi le Wolmaranstad mo bekeng e e fetileng.
Kgorwana e, ene e tshwere ditlhopo-tlaleletso morago ga go tlhokafala ga molekgotlha.
Malema one a etetse motse-setoropo o ka Lamatlhatso le go keteka phenyo ya EFF. Malema o kaile fa baagi ba motse-setoropo o, ba dirile sentle ka go tlhopa mokgatlho wa EFF, gonne go sa tlhole go na le mekgatlho e mengwe ya sepolotiki mo porofenseng ya Bokone Bophirima.
“Lekoko le le busang la ANC le sule ga mmogo le la Democratic Alliance (DA), mme go setse lekoko la EFF le le emetseng baagi. Re le lekoko la EFF, re batla go bona baagi ba amogela ditirelo mo motse-setoropong o.
“Ga jaana, kliniki ya mo Tswelelang, e tswala ka ura ya bone thapama. Gape, ke kliniki e le nosi fela mo motseng. Re batla gore kgorwana nngwe le nngwe e nne le kliniki e e tla dirang di ura dile 24 ka letsatsi. Baagi ba rona ga ba bobole fela ka di ura tsa tiro,” Malema wa tlhalosa.
Gape, o latofaditse puso ya ANC ka go nna le baeteledipele ba ba sa beyeng dikgatlhego tsa baagi kwa pele. Malema are, bomme ba ba mo mmileng ba tshwara bothata fa ba belega morago ga di ura tsa tiro, gonne kliniki e be e tswetswe ka nako eo.
“Fa o tla go lebelela, ga gona seteishene sa sepodisi mo motse-setoropong o. Bomme ba betelelwa moo, mme le bosenyi bo ile kwa godimo. Se re tlileng go se lwanela jaaka EFF ke gore go nne le seteishene sa sepodisi mo motse-setoropong mongwe le mongwe mo Afrika Borwa.
“Seo se tla re thusa go lwantshana le bosenyi. Gape gona le batho ba ba rekisetsang bana ba rona diretibatsi. Batho bao, ba tshwanetswe go tshwarwa gonne ba itsiwe. Re tshwanetse re bolotse ntwa kgatlhanong le mapodisi a dirisanang le batho bao,” Malema wa tlhalosa.
Malema o kaile gape fa ba tlile go netefatsa fa go nna le ditirelo jaaka ditsela kwa motse-setoropong wa Tsweleleng. Malema are ditsela tsotlhe kwa motse-setoropong di tshwanetse go tshelwa sekontere, kgotsa di tsenngwe di paving.
“Sengwe le sengwe se se diragalang kwa toropong, re batla go se bona se direga mo metse-setoropong gonne baagi ba duela ditirelo ka go lekana. Fa mabala a metshameko a na le bojang kwa toropong, a seo se diragale kwa metse-setoropong.
“Ga re batle mebala ya metshameko yam mmu, mme re batla e enang le bojang gore e rotlwetse bana ba rona go ka tsaya karolo mo metshamekong. Ga go sa tlhole gona le mmuso wa tlhaolele,” Malema wa tlhalosa.
Are, Afrika Borwa e na le di ngwaga dile 30 mo tlase ga puso ya kgololosego, fela seemo sa go neelana ka ditirelo se bokowa.
Kgabagare, molekgotlha o sa tswang go tlhopiwa, Lehlohonolo Metoa are: “Ke rata go leboga baagi ka tlhopo e ba e dirileng, mme re tlile go netefatsa fa re diragatsa maitlhomo a rona.
“Re tlile go netefatsa fa baagi ba rona ba amogela ditirelo jaaka metsi ga mmogo le go netefatsa fa setheo sa rona sa Hospice se nna le motlakase. Bagolo, ngwaga wa 2024, re tshwanetse re e tseye jaaka ngwaga wa 1994. Re tshwanetse go netefatsa gore re golola baagi ba rona mo bokgobeng.”