
Setshwantsho: Metsi a leswe a tsweletse go elela
Ka OBAKENG MAJE
Baagi ba ba sa itumelang ba kwa motse-setoropong wa Pampierstad ba kaile fa go elela ga metsi a leswe kwa mebileng ya bone go tsenya matshelo a bone mo kotsing. Baagi bano, ba boleletse SABC News fa ba lekile ka bojotlhe go ka buisana le masepala wa selegae wa Phokwane go ka baakanya mafaratlhatlha a kgelelo-leswe, fela boikuelo jwa bone bo sa sekegelwe tsebe.
Mongwe wa baagi, Joseph Khisane wa tlhalosa.
“Rena le lebaka le le telele thata re ntse re itemogela go elela ga metsi a leswe mo tulong ya rona. Ka dinako tse dingwe, re kgona go dula dikgwedi di feta nne rentse re itemogela bothata jo ntle le go bona thuso go tswa kwa masepaleng.
“Seno se ama boitekanelo jwa rona, ebile re setse re tshoga ka seemo sa botshelo se re tshelelang mo go tlase ga sone. Se re se kopang kwa masepaleng, ke go baakanya mafaratlhatlha a bone a kgelelo-leswe gore re tle re bone boikhutso mo matshelong a rona,” Khisane wa tlhalosa.
O mongwe wa baagi, Emelia Ngwenya are ka dinako tse dingwe, bana ba na le go tshamekela mo metsing a leswe ao, mme seo se kotsi thata. Ngwenya o kaile fa ba ile ba patelesega go ka dira mosele wa metsi go efoga gore tsologelo ya kgelelo-leswe e se tsene mo magaeng a bone.
Tebogo Modise le ene o bua puo e lenngwe le baagi bano. Modise are, bontsi jwa bone, ba beile ditene mo magaeng a bone gore ba ke ba kgone go tsamaya sentle go ya kwa mebileng, gonne kgelelo-leswe e tshologela kwa malapeng a bone.
“Ga re sa tlhole re kgona le go tswa mo matlung a rona, gonne metsi a leswe a elela gotlhe fela mo re tsamayang teng. Re ile ra tshwanelwa ke go baya ditene gore re kgone go feta, mme ntle le jalo, o tla iphitlhela o sena mo o gatang teng,” Modise wa tlhalosa.
Sebueledi sa masepala wa Phokwane, Kgalalelo Letshabo are: “Go elela ga kgelelo-leswe e tsweletse go nna tlhoba-boroko. Seno se bakwa ke mafaratlhatlha a tsofetseng a kgelelo-leswe. Fela, gona le porogerama e e tsweletseng kwa Pampierstad e koo mafaratlhatlha a dipeipe tse di gelelang leswe tsa asbestos di tsweletse go ntshiwa, mme go tsenngwa tse dintsha.”
Kgabagare, komishini wa ditshwanelo tsa botho mo Afrika Borwa, e kaile fa e tlile go nna le kopano ga mmogo le baagi le masepala go ka tlisa tharabololo.