
Setshwantsho: Nama ya kgomo e e bonweng mo balatofadiweng
Ka OBAKENG MAJE
Banna ba le bararo ba tshwerwe morago ga gore sepodisi se fitlhelele dirope tsa nama ya kgomo e go belaelwang e ne e utswilwe golo gongwe kwa polasing kwa Kimberley. Go ya ka sebueledi sa sepodisi kwa Kimberley, Sarasanta Dikeledi Gopane, tiragalo e ke ya Labone wa beke e e fetileng.
“Sepodisi go tswa kwa lephateng le le rebang bosinyi, lene la tshwara banna ba le bararo ka Labone kwa Marrick Safari Farm. Batlhankela ba sepodisi ba ne ba tsweletse ka tiro ya bone ya twantsho ya bosinyi fa ba ne ba fitlhelela tshedimosetso ya gore gona le banna bangwe ba ba tlhabang kgomo golo gongwe.
“Ba ne ba itelekela kwa lefelong la tiragalo, mme ba fitlhela banna ba dingwaga dile 20, 22 ga mmogo 30 ka nama ya kgomo. Kgomo e e bolailweng e lekanyediwa go madi a kanang ka R15 000. Sepodisi se bone gape le digalapane jaaka thipa, selepe ga mmogo le kgetsi tse go dumelwang fa di dirisitswe fa gone go tlhabiwa kgomo e,” Gopane wa tlhalosa.
Kgabagare, Gopane o kaile fa banna ba, bane ba tshwarwa le go latofadiwa ka go tsoma go go seng mo molaong. Are ba tla tlhagelela kwa kgotlha-tshekelo ya Kimberley mo nakong e e sa fediseng pelo.