
Setshwantsho: Thato Ralisite o setopo sa gagwe se bonweng kwa nageng
Ka OBAKENG MAJE
Lesea la dingwaga dile 2 le lene le timetse, mme la fitlhelwa le tlhokofetse kwa sekgweng kwa motseng wa Myra, gaufi le Taung, le tlhotse le bolokilwe mo letsatsing la gompieno. Go begwa fa Thato Ralisite ane a nyelela fa a ne a tshameka kwa ntle kwa ntlung ya ga rakgadiagwe ka letsatsi la di 19 Phatwe 2023.
Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, mokolonele Adele Myburgh, o kaile fa gone ga dirwa letsholo-patlo kwa motseng, mme ga gwa nna le nko e e tswang le mina. Myburgh are, setopo sa ga Thato sene sa bonwa ke mofeti ka tsela ka Labobedi mo maitseboeng.
“Ga gona ope o o tshwerweng go fitlha ga jaana, mme dipatlisiso di tsweletse. Dipatlisiso tsa go netefatsa tlholo ya loso di tla tswelela go netefatsa gore loso la ga Thato le tlhodilwe ke eng,” Myburgh wa tlhalosa.
Kgabagare, modulasetilo wa Myra Civic Movement, Moabi Joseph Oshupeng are ga ba itumelele tsamaiso ya bogosi kwa motseng wa bone. Oshupeng o latofatsa kgosi ya motse ka go tsaya letlhakore mo ntlheng e, ebile o kaile fa a makaditswe ke motho mongwe o o dulang kwa motseng wa Mogopela B a ne a bua jaaka kgosi kwa phitlhong ya lesea.
“Gona le selo se se tlhotseng se ntenne tota kwa phitlhong ya leseanyana la rona gompieno. A moya wa ga Thato o bone boikhutso, le fa ke tennwe ke gore, erile fa gotwe ditebogo ka kgosi ko mabitleng, ke fa go ema motho yo re sa mo itseng le gone ese motho wa Myra ele motho wa kwa Mogopela B.
“Motho yoo, o buile dilo disele are rona jaaka baagi ba Myra, re tshwanetse re itshwarele motlhodi kgotsa batlhodi ba go nyelela le go bolawa ga lesea la rona. Bogosi jwa rona bo tshwanetse bo tlhalose ka Laboraro. Re le baagi, re tlile go baakanya Myra, gonne loso la ga Thato le bakile ketsaetsego e e seng kana ka sepe mo motseng,” Oshupeng wa tlhalosa.
Gape o kaile fa jaaka baagi, ba na le bana le batho bangwe kwa ntle ga motse wa bone, mme batho bao ba simolotse go gana bana ba bone ba etela motse wa bone wa Myra ka ntlheng ya pabalesego. Oshupeng are, fa ba ka tlogela kgang e fela jaana, e tla ba baya ka mosing gonne ga ba itse gore ke lesea la ga mang le le tla latelang.
“Jaaka rele baagi, rena le bana mo motseng wa rona. Jaanong, bana bao ba tlile go ikutlwa ba sa sireletsega. Gape, go begwa fa kgosi a boleletse ba lelapa la Ralisite fa boloi ele setso. Jaanong, re ikopela tirisano mmogo go kgosi ya rona, mme re nne le phitlhelelo mo ditiragalong tse tsa bosinyi jaaka morafe,” Oshupeng wa tlhalosa.
Ka maswabi, Taung DailyNews ga ya kgona go fitlhelela tsibogo go tswa go kgosi ka nako e gone go phasaladiwa kgang e. Karabo go tswa kwa bogosing e tla tlalelediwa fa e setse e bonwe.





