
Setshwantsho: Motsamaisi kwa Multi-purpose, Motseokae Duncan Cwaile/Facebook
Ka OBAKENG MAJE
Motsamaisi wa Multi-Purpose Centre e kwa motseng wa Morokweng, gaufi le Ganyesa kwa masepaleng wa Kagisano Molopo, Motseokae Duncan Cwaile (45) o solofetswe go dira kopo ya beile mo letsatsing la Labotlhano.
Cwaile one a tshwerwa morago ga go latofadiwa ka petelelo. Go begwa fa Cwaile, yo gape eleng moeteledipele wa lekoko le le busang la ANC teng kwa kgaolong eo, a ile a ipagololela mogodu mo mosetsanyaneng wa dingwaga dile 14 wa moagisani. Go ya ka sebueledi sa lephata la bosekisi la National Prosecuting Authority (NPA) mo Bokone Bophirima, Henry Mamothame, mosetsanyana o, one a ile go ga metsi kwa sedibeng kwa ntlung ya ga Cwaile ha tiragalo e e diragala ka 13 Phatwe 2023.
“Go begwa fa Cwaile one a biletsa mosetsanyana o kwa ntlung, mme a mo gogela kwa phaphusing ya borobalo kwa a ileng a mo betelela teng. Go ya ka dipego, Cwaile one a lebotsa phokoje morago ga tiragalo e, le go tlogela mosetsanyana owa kwa ntlung.
“Fela, motswasetlhabelo one a ya gae, mme a fitlha a lotlegela bagolo ka se se mo diragaletseng. Kgetsi ya petelelo ene ya bulwa, mme Cwaile one a tshwarwa moragonyana. Cwaile one a tlhageletse ka boripana kwa kgotlhatshekelong ya Ganyesa ka Mosupulogo,” Mamothame wa tlhalosa.
Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen o kaile fa kgetsi ya petelelo kgatlhanong le Cwaile ene ya busediwa morago go fitlha ka 25 Phatwe 2023. Van Rooyen are, Cwaile one a busediwa kwa ntlo-lefitshwana, mme o solofetswe go ka dira kopo ya beile ka Labotlhano.