Seemo se boetse setlwaeding kwa sekolong se segolwane sa Motsemme kwa Modimong


Sestwhantsho: Baithuti ba paregile matseno a sekolo le go fisa makgetlhe  

Ka OBAKENG MAJE

Seemo se boetse setlwaeding kwa sekolong se segolwane sa Motsemme kwa motseng wa Modimong, gaufi le Taung. Go begwa fa baithuti ba ile ba bolotsa mogwanto le go fisa makgetle mo letsatsing la Labone mo bekeng e e fetileng, mme ba ikuela gore morutabana o o sekegilweng mo tirong, Lawrence Maboitshege a busediwe kwa sekolong.

Go kaiwa fa morutabana a ile a teketa moithuti mongwe kwa sekolo, mme seo sa lebisa kwa goreng mogokgo ga mmogo le Lefapha la Thuto mo Bokone Bophirima ba mo sekege. Lefapha La Thuto mo Bokone Bophirima le kaile fa seo ele go letla dipatlisiso gore di tswelele ntle le go kgorelediwa.

Fela, seo sene sa shakgatsa baithuti, mme ba ne ba bolotsa mogwanto. Dithuto dine tsa kgoreletsega, mme mo letsatsing la maabane, seemo sene se boetse setlwaeding.

Sebueledi sa Lefapha la Thuto mo Bokone Bophirima, Mphata Molokwane, o kaile fa go na le batho bangwe ba ba tlhotlheletsang baithuti go ka tsweletsa mogwanto kwa sekolong le go kgoreletsa dithuto.

“Gona le dipatlisiso tse di tsweletseng kgatlhanong le morutabana mongwe kwa sekolong se se golwane sa Motsemme kwa Modimong. Seo, se ile sa lebisa kwa goreng baithuti ba bolotse mogwanto. Jaaka Lefapha la Thuto mo Bokone Bohirima, re ikuela go baithuti go se ikamanye ka gope le tiriso dikgoka le go thulana le molao, gonne ba tla feleletsa ba sitisitse dipatlisiso tse di tsweletseng.

“Baithuti ba tshwanetse go tswelela ka go ithuta, gonne ke se ba se tletseng kwa sekolong. Lefapha le tsweletse ka dipatlisiso, mme morutabana o o kailweng, o beilwe mo tlase ga matsatsi a boikhutso a kgethegileng fa dipatlisiso di tsweletse,” Molokwane wa tlhalosa.

Are gape ba ikuela go botlhe ba ba tlhotlheletsang baithuti go ka baka dikhuduwego go ka emisa, gonne seo se sa siama ebile sele kgatlhanong le molao. Molokwane are botlhe ba ba dirang jalo, ba ka tseelwa dikgato.

Kgabagare, modulasetilo wa lekhotlha-tsamaiso la sekolo, Mosimanegape Moncho are: “Go ile ga nna le ketsaetsego fela kwa sekolong mabapi le kgang e. Ga jaaka, ke tla netefatsa fa morutabana o, a neetswe matsatsi a boikhutso a pobolo.

“Ga ke batle go tsena thata mo dikgannyeng tsa gore go diragetseng, mme fela seemo se boetse setlwaeding. Rele ba lekgotlha-tsamaiso la sekolo, re ikuela go baithuti go emisa ka dikhuduego.”

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.