Monna o latofadiwang ka go teketa lekgarebe kwa Vryburg o buseditswe kwa ntlo-lefitshwana


Setshwantsho: Modiri wa masepala wa selegae wa Naledi, Poloko Sekgopi o latofatswa ka go teketa lekgarebe/Facebook 

Ka OBAKENG MAJE

Monna wa dingwaga dile 39 o tlhotse a shadikanya matlho kwa kgotlha-tshekelo ya Vryburg morago ga go latofadiwa ka dikgetsi dile pedi tsa go teketa. Poloko Sekgopi o go kaiwang ele modiri wa masepala wa selegae wa Naledi, one a lelelwa ke ditshipi morago ga go bonwa mo video e tletse-tletseng mo mafaratlhatlheng a boitapoloso a teketa lekgarebe kwa Shell Garage kwa Vryburg ka di 13 Phatwe 2023.

Go ya ka dipego, Sekgopi a ne a tsena kwa Shell Garage a hupile tedu kwa a fitlhetseng lekgarebe le teng, mme a le tlhasela. Go ya ka sebueledi sa sepodisi kwa sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, Sekgopi one a tlhasela le motlhokomedi wa tshireletso yo oneng a leka go tsereganya.

Van Rooyen are, motlhokomedi o, le ene one a bula kgetsi ya go teketa kgatlhanong le Sekgopi.

“Ke nnete, go butswe dikgetsi dile pedi tsa go teketa kgatlhanong le Sekgopi. Mongwe wa ba ngongoregi mo dikgetsing tseno, ona le dingwaga dile 33. Sekgopi o tlhageletse ka bo ripana kwa kgotlha-tshekelo ya Vryburg mo letsatsing la gompieno, mme kgetsi e buseditswe morago.

“Dikgetsi kgatlhanong le ene di buseditswe morago go fitlha ka di 23 Phatwe 2023. Ga re itse fa bosekisi bot la kopanya dikgetsi tseo kgotsa di tla seka ka go farologana. Fela, molatofadiwa o tla nna a namile kwa ntlo-lefitshwana, mme o solofetswe go ka dira kopo ya beile,” van Rooyen wa tlhalosa.

Lekgotlha gape le tlhotse le utlwile fa Sekgopi ane a bonwa molato mo kgetsing ya go teketa ka Motsheganong 2023 mo kgetsing e e farologaneng le e, mme one a neelwa kotlhao ya dikgwedi dile tharo kwa kgolegelong e e beetsweng thoko sebaka sa dingwaga dile tlhano.

Kgabagare, mokgatlho wa baagi wa South African National Civic Organisation (SANCO) mo Bokone Bophirima, o kaile fa o goeletsa gore molatofadiwa a se neelwe beile ke kgotlha-tshekelo. Sebueledi sa SANCO mo porofenseng, David Xolile Kham are ba kgatlhanong le tshotlakako ya bong.

“Ke ka maswabi go bona motho wa mme a bediwa ke rakgwebo o itsagaleng go tswa kwa North World Circles. Tshotlakako kgatlhanong le bong e goeleditswe jaaka leroborobo mo Afrika Borwa. Jaanong, re rotloetsa banna ba ba dikgoka go ka thusa go aga setshaba se se tsepameng.

“A banna ba atle bomme gona le go ba teketa, kgotsa go ba bolaya. Seo se botsha fa tshotlakako ya bong e sentse ele tlhoba-boroko. Re tlile go ikuela go lefapha la katlatlelo-loago go ka netefatsa fa ba ba sotlakakiwang ba bona bosiamise,” Kham wa tlhalosa.

O kaile gape fa mokgatlho wa SANCO o tlile go sala morago tiragalo e, le go netefatsa fa ba ba molato ba rweswa maikarabelo.

taungdailynews@gmail.com

 

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.