Malome le setlogolo ba tlhokafetse morago ga go nwelwa mo petsheng kwa Kokomeng


Setshwantsho: Petshe e e sa dirisiweng/Tshwantshiso

Ka OBAKENG MAJE

Batho ba le babedi ba tlhokafetse kwa motseng wa Kokomeng, gaufi le Taung mo letsatsing la Lamatlhatso ha masigo asa. Go begwa fa Daise Meis (49) ga mmogo le motlogolowe, Segomotso Senwedi (24) ba nwetse le go tlhokafala mo petsheng.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi kwa sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, Segomotso one a ya go ithusa, mme one a wela mo petsheng.

“Go kaiwa fa Segomotso one a kua mokgosi le go kopa thuso ka motsi wa fa a ne a nwela mo petsheng. O begwa fa malomagwe, Daise, a ne a tsiboga le go leka go mo tlhaga thuso. Fela, malome le setlogolo ba ne ba nwela le go tlhokafala ka gangwe mo petsheng,” van Rooyen wa tlhalosa.

O kaile fa kgetsi ya morago ga loso ene ya bulwa ke sepodisi sa Taung, mme dipatlisiso di tsweletse. Van Rooyen o kaile fa go fitlha ga jaana, sepodisi se sa belaele fa gona le letsogo la tshwene mo kgannyeng e.  

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.