
Setshwantsho: Setshwantsho sa screw Driver
Ka REGINALD KANYANE
Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa kwa Cokonyane, Thatayaone Senyasamore (29) e tlhotse e buseditswe morago go fitlha ka Laboraro ke kgotlha-tshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Go begwa fa Senyasamore a ne a tlhaba le go bolaya Tshepang Chupane ka sengwe se se bogale.
Go ya ka sebueledi sa sepodisi kwa sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, o kaile fa tiragalo e ele ya ha masigo a sa mo letsatsing la Tshipi mo bekeng e e fetileng. Van Rooyen are, sepodisi se ile sa bilediwa kwa kliniking ya selegae kwa Cokonyane morago ga gore banna ba le bararo ba ise moswi, Tshepang yo one a na le dintho tsa go tlhabiwa go bona thuso.
“Fela, go kaiwa fa Tshepang a ne a sentse a tlogetse lefatshe le le ka kwano fa a goroga kwa kliniking. Dipatlisiso tsa sepodisi di kaile fa gone ga bulwa kgetsi ya polao, mme Senyasamore one a tshwarwa. One a tlhageletse kwa kgotlha-tshekelo ya Taung, mme kgetsi e buseditswe morago,” Van Rooyen wa tlhalosa.
Kgabagare, ba lelapa la ga Chupane, ba kaile fa loso la ga Tshepang le ba utlwisitse botlhoko. Motlogolowe Tshepang, Nonosi Chupane are se se diragaletseng lelapa la bone se botlhoko.
“Tota nna ke le esi, kene kere a mo hitlhe. Ga re itse gore sebakwa sa tiragalo e ke eng gonne batho ba bangwe ba kaya fa Senyasamore a ne a nolwe ke lekgarebe lengwe, mme lene la kopa go tsamaya le Tshepang. Go kaiwa fa lekgarebe leo, le dula mo kgaolong e le nngwe le Tshepang.
“Fela, ga re itse bo nnete jwa kgang gonne re ne re seo. Go tlhalositswe fa seo se ile sa tlhola ntwa gareng ga Senyasamore le Tshepang. Gatwe, Senyasamore o ile a lwantsha Tshepang le go mo tlhaba ka screw driver. Hela jaaka ke buile, ga re na bo nnete jwa kgang eo, gonne nna ke ne ke seo,” Chupane wa tlhalosa.