
Setshwantsho: Motsamaisi kwa Multi-purpose, Motseokae Duncan Cwaile/Facebook
Ka OBAKENG MAJE
Motsamaisi wa Multi-Purpose Centre e kwa motseng wa Morokweng, gaufi le Ganyesa kwa masepaleng wa Kagisano Molopo, Motseokae Duncan Cwaile (45) o tshwerwe morago ga go latofadiwa ka petelelo. Go begwa fa Cwaile, yo gape eleng moeteledipele wa lekoko le le busang la ANC teng kwa kgaolong eo, go begwa fa a beteletse mosetsanyana wa dingwaga dile 14 ka Lamatlhatso.
Go ya ka sebueledi sa lephata la bosekisi la National Prosecuting Authority (NPA) mo Bokone Bophirima, Henry Mamothame, mosetsanyana o, one a ile go ga metsi kwa sedibeng kwa ntlung ya ga Cwaile jaaka ele baagisani.
“Fela, Cwaile one a biletsa mosetsanyana o kwa ntlung, mme a mo gogela kwa phaphusing ya borobalo kwa a ileng a mo betelela teng. Go ya ka dipego, Cwaile one a lebotsa phojoje morago ga tiragalo e, le go tlogela mosetsanyana owa kwa ntlung.
“Fela, motswasetlhabelo one a ya gae, mme a fitlha a lotlegela bagolo ka se se mo diragaletseng. Kgetsi ya petelelo ene ya bulwa, mme Cwaile one a tshwarwa moragonyana. Cwaile one a tlhageletse ka boripana kwa kgotlhatshekelong ya Ganyesa ka Mosupulogo,” Mamothame wa tlhalosa.
Mamothame o kaile fa kgetsi ya petelelo kgatlhanong le Cwaile ene ya busediwa morago go fitlha ka 18 Phatwe 2023. Mamothame are, Cwaile one a busediwa kwa ntlo-lefitshwana, mme o solofetswe go ka dira kopo ya beile ka Labotlhano.