
Ka OBAKENG MAJE
Baagi ba motse wa Manokwane gaufi le Taung ba bane ba tsenetse keteko-moletlo wa letsatsi la bomme ba re ba makaditswe ke tiragalo e e diragetseng kwa motseng o. Seno se tla morago ga gore, kgomo e ene e tshwailwe go ka tlhabiwa mo letsatsing la maabane ineye naga.
Go ya ka ba ba boneng ka matlho, kgomo ene ya tlisiwa kwa moletlo one wa go tshwarelwa teng ka Labobedi. Fela, ene ya re ha e tshwanetswe e tlhabiwe, ene ya tshaba. Go begwa fa banna ba motse ba ne ba re ba leka go e baya marowa, mme kgomo ene ya ba tlogela ba iphotlhere.
Mongwe wa batho ba ba boneng ka matlho, mme a sa batle leina la gagwe le itsiwe wa tlhalosa.
“Kgomo eo ene e tswa go rekwa kwa motseng wa Cokonyane, mme ya tlisiwa gore e tle go tlhabelwa batla moletlong. Fela, ene ya re ha e tshwanetswe e pagololwe mo teraleng, ene ya le botsa phokoje. Jaaka rele banna ba motse, re lekile gore re e beye marowa, mme ene ya re tlogela mo gare ga lerole.
“Ka maswabi, batla-moletlong ba ne ba sena se batla se bayang mo ntshung, mme ba ne ba tshwanelwa ke gore ba nwe metsi fela. Go fitlha ga jaana, kgomo eo ga re itse gore e lefatshe kae. Potso ke gore a mme e boetse Cokonyane kgotsa jang. Mme ntle le tseo, ke nnete gone re ketekile letsatsi la bomme monate ga mmogo le diphuthego tse di farologaneng.”
Mongwe wa Segosi, Otumiseng Baisitse o kaile fa bogosi bo romela ditebogo go batho botlhe ba ba neng ele karolo ya moletlo. Baisitse gape o ikuetse go morafe wa gagwe go ka nna ngatana ele nngwe, mme ba lwe le bosenyi jo bo diragalang kwa motseng wa bone.
“Re le bogosi, re romela ditebogo go batho botlhe ba ba tshotseng karolo mo ketekong-moletlo o. Gape, re a ikuela mo pusong gore batho ha ba tlile go re thusa, re ba itsise. Are boeleng kwa mokgweng wa rona wa segologolo, mme re tsamaise dilo ka mokgwa o re o itseng. Go gontsi, mme ga jaana, ga re ngongorege re ntsha maikutlo a rona fela,” Baisitse wa tlhalosa.
Moruti go tswa kwa South African Minister’s Fraternal (SAMIFRA), Kenny Thejane are, ba tsweletse ka dithapelo gangwe le gape go ka rapelela gore dilo tse di maswe tse di diragalang di fele. Thejane are ba dira seno ngwaga le ngwaga.
“Gona le dilo tse dintsi tse di diragalang tse di botlhoko. Bomme ba bolawa, bana ba shotlwa gape ba dirisa diritibatsi. Mme jaanong jaaka SAMIFRA, re tlisa dithapelo gonne batho ba imetswe. Dilo tse di ntseng jaana di tlhoka dithapelo gore dikhutlhe. Re rapelela gape le gore batho ba nne bofefu, mme ba natefalelwe ke go ka thuba mafatlha.
“Bana ba sotlwa ke gore, batsadi ba ba hepa ka diritibatsi. Ga gona ngwana o o itseng go dira motswako o gotweng ke nyaope. Dilo tseo di dirwa ke batsadi ba be ba di neela bana. Ka nako enngwe, ba di isa kwa dikolong le go di rekisa mo mebileng. Go naya bana dilo tse di ntseng jalo, ke boleo le go ba shotla.
“Jaanong, re rapelela bopelo-tlhomogi mo Modimong gore dilo tse di ntseng jalo, di fete mme bana le bone ba utlwe batsadi ba bone,” Thejane wa tlhalosa.
Are gape ba ikuela go batsadi gore ba nne le nako ya go hepa bana ba bone ka thuto e e itekanetseng. Thejane are gona le bana ba dirisang diritibatsing, fa bangwe ba nna kwa metse-setoropong le go robala mo mebileng.
Kgabagare, mmusa-kgotlha kwa masepaleng wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Kgalalelo Sereko e ne ele karolo ya moletlo o.
“O tla gopola gore bomme ba 1956 bane ba gwantela kwa Union Building kgatlhanong le melao ya puso ya tlhaolele, ebile ba ipiditse sehuba gore le bone jaaka basadi, ba tshwanetswe ke go tsaya karolo mo tsamaisong ya naga.
“Jaanong, gompieno ke ne ke tla kopa basadi ba ipetse sehuba hela jaaka basadi ba 1956 ba ne ba dira. Gona le dikgwetlho le mathata a mantsi jaaka tlhekefetso ya bomme le bana. Rena le mathata a mangwe eleng botlhoki jo bo tlholwang ke botlhoka-tiro.
“Jaanaong, kene ke nagana gore bomme ba eme ka dinao ba ipetse sehuba, mme ba tsene mo seraleng le go ka thusa mo mathateng ao,” Sereko wa tlhalosa.