
Setshwantsho: Tirelo phitlho ya ga Keaorata Totonyana
Ka OBAKENG MAJE
Ba lelapa la ko ga Totonyana kwa motseng wa Dryharts gaufi le Taung, ba kaile fa loso la ngwana wa bone, Keaorata Totonyana (3) le ba tlogetse ba tsidifetse. Go kaiwa fa Keaorata a tlhokafetse ka Labone mo bekeng e e fetileng, morago ga go ya ntle.
Go ya ka ba lelapa, Keaorata one a ya ntle, mme telele ene ya tswa mo go ene. Mmagwe ngwana, Dimakatso Totonyana are, ba ne ba rwalela Keaorata kwa kliniking ya selegae mo bosigong morago ga gore a tlhaka-tlhakane.
“Ko kliniking ga ba tlhaba ngwana lemao kgotsa go mo rwalela kwa bookelong jwa sedika jwa Taung. Fela, baoki ba ile ba nnaya molemo, mme ntaela gore ke fitlhe ke tshase ngwa Zambuk mo maragong. Ke ile ka dira jalo, mme ka maswabi ga senke a thusege,” Dimakatso wa tlhalosa.
Mme mmagwe Keaorata, Selinah Maine o kaile fa a ne a go bidiwa le go begelwa fa ngwana a kobogetswe ke bolwetsi ebile a tlhakatlhakane.

Setshwantsho: Motsadi wa moswi, Dimakatso Totonyana le mme mmagwe, Selinah Maine
“Go kaiwa fa ngwana a ne a tabogisediwa kwa kliniking ya selegae ka Labone bosigo morago ga go kubugelwe ke bolwetsi. O ile a boa kwa kliniking, mme one a tlhaka-tlhakana fa a boa kwa kliniking. Oile a feleletsa a kgaogane le botshelo jo bo kakwano.
“Re ile ra batlana le sepalangwa gore re mo rwalele kwa bookelong, mme ka maswabi ga ra ka ra se bone. Ke utlwile gotwe ngwana one a kaya fa a batla go ya ntle, mme gatwe telele ene ya tlhaga mo go ene, mme ene ya boela mo teng gape. Re itumeletse thuso e re e boneng go tswa kwa setlamong sa Batho Tlang Re Thusaneng (BTRT) ka go re bolokela ngwana ntle le go re lefisa madi ape,” Maine wa tlhalosa.
Kgabagare, motsamaisi kwa mmoshara sa Batho Tlang Re Thusaneng (BTRT), Peter Mabathwana are: “Jaaka setlamo sa Batho Tlang Re Thusaneng (BTRT), re ile ra bona fa gole maleba gore re tle go thusa ba lelapa lara Totonyana ka go ba bolokela ngwana. Re ile ra bona seemo sa mo lapeng, mme ke ka moo re boneng go le maleba gore re tsenye letsogo.
“Re ile ra boloka ngwana mo motseng o wa Dryharts mo nakong e e fetileng. Jaanong, go bontsha fa batho ba motse o, ba ile ba itumelela ka mokgwa o re bolokang ka teng. Re ile ra letsetswa ke molekgotlha wa kgorwana e, mme are kopa go ka thusa.”
Mabathawana are jaaka BTRT, ba ile ba latela moswi mme ene ya re fa ba ntse ba dira dithulaganyo tsa phitlho mogare ga beke, ba itemogela fa gona le matsapa. Are, ba ile ba thusa ka go boloka ngwana ka botlalo.
“Jaanong, ka re itse gore fifing go tshwaranwa ka diboko, re ile ra thusa ka dithulaganyo tsa phitlho jaaka go tsenya moswi kwa serameng, lekase la polokelo, dithulaganyo tsa phitlho mo lapeng le kwa mabitleng ntle le go duedisa ba lelapa madi ape,” Mabathawana wa tlhalosa.