Mokhuduthamaga Molapisi o etetse setheo sa Lokgabeng  


Setshwantsho: Mokhuduthamaga wa ditsela le dipalangwa, Oageng Molapisi o a jala    

Ka BAKANG MOKOTO

Motsamaisi wa setheo sa bagodi le batho ba ba tshelang ka bogole kwa Lokgabeng Disability Centre, gaufi le Taung, Agnes Mokgobo are o itumeletse go bona dithuso go tswa kwa pusong. Seno se tla morago ga ketelo ya mokhuduthamaga wa ditsela ga mmogo le dipalangwa mono Bokone Bophirima, Saliva Molapisi.

Molapisi one a etela setheo seo le go keteka le bagodi. Gape, Molapisi one a jala dijalo tsa ntshetso-kunu kwa tshingwaneng eo.

“Tshingwana e ya rona e ntsha dijo tse dinang le dikotla, mme di thusa bagolo go ka ja dijo tse di itekanetseng. Rena le batho ba ba tshelang ka malwetsi a farologaneng ba le 57, mme rena le badiri ba le 24 ba ba ba tlhokometseng bosigo le motshegare. Re itumetse thata, mme re rotloetsa puso go ka tswelela go re ema nokeng jalo,” Mokgobo wa tlhalosa.

Majoro wa nakwana wa masepala o mogolwane wa Taung, Itumeleng Maribe one a patile Molapisi mo loetong la gagwe. Go ya ka Maribe, Molapisi o tshimolotse ka go etela sekolo se segolwane sa Reivilo le go tlhabolola dikago teng, pele a ka leba kwa ditseleng kwa gone one a tsweletsa letsema la go tswala mesima mo ditseleng teng.   

“Re lebogela ketelo ya mokhuduthamaga wa ditsela ga mmogo le dipalangwa ka thebolo ya ditirelo go baagi. Re ne ra tsogelela kwa Reivilo mo mosong, mme jaaka masepala, re lebogetse seo. Rene ra pata mokhuduthamaga gape fa a ne a tswala mesima mo ditseleng tsa rona tse difarologaneng teng kwa Reivilo.

“O tla gopola gore seemo sa rona sa ditsela mo Taung ga se se se jesang diwelang, mme ha re ka tswelela fela jalo go ka dira mmogo, re tla bona tswelelo pele. Re ile ra tla gape fa go ka tla go keteka ga mmogo le bagodi ba rona mo setheong. Re bone fa mokhuduthamaga a ntsha gape le dimphonyana go ka itumela ga mmogo le bagodi ba rona.,” Maribe wa tlhalosa.

O kaile fa ba rotloetsa mokhuduthamaga go ka tswelela ka porogerama e, gonne baagi ba Taung ba tlile go unngwelwa mo go yone. Maribe are, go maleba go isa ditirelo le ditlhabololo kwa bathung, gonne seo se tla fetola matshelo a bone.

Kgabagare, Molapisi o kaile fa ketelo ya gagwe ene e rulagantswe ka letsatsi la go keteka botshelo jwa mogaka o hulereng, Nelso Mandela. Molapisi are, fela seo ga sa kgonega gonne, gone gona le dikopano tse dingwe tse a ne a tshwanelwa ke go di tsenela.

“O tla gopola gore kgwedi e, ke kgwedi e e beetsweng thoko go ka keteka botshelo jwa mogaka wa rona, Nelson Mandela. Fa o tla go lebelela, Mandela one a na le mowa wa go abelana, ke ka moo go le botlhokwa gore re tsamaye mo dikgathong tsa gagwe.

“Jaanong, re bone gole botlhokwa go ka tsweletsa ditiro tseo le go ka leka go fetola matshelo a batho. Mandela one a leka ka natla gore mongwe le mongwe a nne le botshelo jo bo botokwa, ke ka moo le rona re tsweletsang seo,” Molapisi wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.