
Setshwantsho: Thebolo ya ditirelo e tsweletse kwa masepaleng wa Mamusa
Ka OBAKENG MAJE
Baagi ba masepala o a paretsweng ke mathata wa Mamusa, ba kaile fa ba tshepa fa letsholo la Thuntsha Lerole le tlile go tlisa ditirelo. Baagi ba kaile fa dintwa tsa sepolotiki tse di tsweletseng kwa masepaleng o, ele tsone sebakwa sa tshalelo-morago ya ditirelo.
Mongwe wa baagi, Paul Mokwatsi are: “Re kopa ka boikokobetso go tonakgolo wa nama-o-sa-tshwere, Nono Maloyi a dire ka natla le go netefatsa fa barongwa-pusong ba dira tiro ya bone ka tshwanelo. Re tsweletse go itemogela tlhokego e kgolo ya metsi, mme kgelelo-leswe ke tlhoba boroko mo motse-setoropo wa rona wa Ipelegeng.
“Jaanong, barongwa-pusong ba tsweletse go lwa dintwa tsa bone tsa ka mogare, mme rona jaaka baagi ke rona re amegang. Ga go bontshe fa gona le tsamaiso e phepha mo masepaleng wa rona, mme re ne re kopa tsereganyo.”
O mongwe wa baagi, Magdeline Mosiapoa are, jaaka baagi, ba tsweletse go itemogela ditsela tse di sa tsamaegeng kwa motseng wa bone kwa Amalia. Mosiapoa o ikuetse go puso go ka netefatsa fa ditsela di tsamaega, gonne seo se ama matshelo a bone.
Kgabagare, tonakgolo ya nakwana ya Bokone Bophirima, Nono Maloyi o thankgolotse letsholo la Thuntsa Lerole ka Labotlhano, mme o kaile fa baagi ba tlile go unngwelwa mo letsholong le. Maloyi are ba itemogetse fa gona le dikgwetlho dile dintsi thata mo porofenseng.
“Ga gona ditirelo tse di isiwang kwa baaging, mme ditsela ga di tsamaege, baagi ga ba bone metsi a nwegang ebile ale phepha, fa kgelelo-leswe e tsweletse go nna tlhoba-boroko. Baagi ba tshela le mantle, mme ditorotswana tsa rona dileswe, ebile go tletse matlakala gongwe le gongwe mo o tsamayang teng.
“Gape, gona le matlo a di RDP a ileng a agiwa dingwaga tse di fetileng, mme ga ise a fele. Go ya ka dipatlisiso tsa rona, masepala wa Mamusa wa reketla gape o na le dikgwetlho. Masepala o na le bothata jwa tlhokego ya metsi,” Maloyi wa tlhaolsa.
Are jaanong ba tshotse tshwetso ya gore, ba gokelela peipi ya metsi go tswa kwa Vaal River go ka lwa le tlhokego ya metsi. Gape, Maloyi are, ba bone madutelo a metsi, fela ba lemogile gore baagi ba tlhoka 8 mega litres ka letsatsi gore go se nne le tlhokego ya metsi.
“Mme go ya ka pono ya rona, madutelo a lona a metsi a le mararo, a ka ntsha 13 mega-litres ka letsatsi. Re lemogile fa mafaratlhatlha a rona a metsi ele a kgale, mme a tlhoka go ka baakangwa. Ka Labone, ke tlile go nna le kopano le dimasepala tsotlhe mo Bokone Bophirima. Maloba fa, re bone dintlo tse di sa felang, mme re ile ra itsise maina a borakonteraka go ka feleletsa matlo ao.
“Jaaka ke bua le wena jaana, borakonteraka bao ba tsweletse ka tiro. Borakonteraka ba baneng ba puaganya tiro ya bone ntle le go fetsa matlo, re ba kobile. Gona le dikolo dile tlhano tse di ntseng di sena ditsidifatsi, mme dijo tsa baithuti ntse di senyega. Jaanong, re isitse ditsidifatsi kwa dikolong tseo mo letsatsing la gompieno,” Maloyi wa tlhalosa.




