Baagi ba neelwa matlo a nakwana kwa Magogong


Setshwantsho: Baagi ba neelwa mantlo a nakwana kwa Magogong

Ka OBAKENG MAJE

Bangwe ba baagi ba mantlo a bone a ne a digiwa ke diphefo le morwalela kwa motseng wa Magogong, gaufi le Taung, ane ba amogela matlo a nakwana go tswa go masepala o mogolwane wa Taung mo letsatsing la maabane. Majoro wa nama-o-sa-tshwere, kwa masepaleng o mogolwane wa Taung, Itumeleng Maribe are, ba tlile go agela baagi bao matlo a saruri mo nakong e e sa fediseng pelo.

“Re nnile le lenaneo mo mosong, mme re tshimolotse ka go neelana ka diaparo ga mmogo le go fepa jalo bangwe ba baagi ba ba dikobo di dikhutshwane ka sopo kwa renkeng ya ditekesi mono Taung. Mme diaparo tseo, ene ele kabelano go tswa go bangwe ba badiri ba rona ba masepala.

“O tla gopola gore letsatsi le, ke letsatsi le legolo le le tshwailweng lefatshe ka bophara go keteka botshelo jwa mogaka yo eleng molwelwa kgolo, Dr Nelson Mandela. Ka bokhutshwane, ene le letsatsi la kabelano. Mme morago ga moo, re ile ra nna le go neelana ga mantlo a nakwana go baagi ba dulang mo matlung a mmu,” Maribe wa tlhalosa.

Maribe are baunngwelwa ba ile ba itumela thata, mme masepala o ba tshepisitse fa o tlile go ka ba agela matlo a di RDP mo nakong e e sa fediseng pelo. Are, baunngwe bao, ba ile ba neelwa dijo ka borataro jwa bone.

“Re ile ra etela gape le lelapa la ra Molokwane kwa Madipelesa jaaka re itse ba latlhegetswe ke bana mo kotsing ya tsela ka Sontaga. Mme re tla boa gape re etele lelapa le lengwe la ra Mocumi kwa motseng wa Mamutla jaaka le bona ba latlhegetswe ke bana bale babedi mo kotsi yone eo ya tsela ka Sontaga,” Maribe wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.