
Setshwantsho: Motshameki wa maloba wa Mighty Boys FC, Bakang Katong/Facebook
Ka OBAKENG MAJE
Motshamekapele wa maloba o diphatsa wa setlhopha sa selegae sa Mighty Boys FC kwa motseng wa Manthe, gaufi le Taung, o a tlhotswe dingwaga dile robedi kwa kgolegelong ka ntlheng ya go betelela. Bakang Katong (32) yo jaanong eleng rakgwebo, ebile a latofadiwa ka go gweba ka diritibatsi, a ne a betelela lekgarebe lengwe la kwa Buxton ka ngwaga wa 2017.
Go begwa fa Katong, yo oneng a tswa kwa Johannesburg ka nako eo, a ne a neelwa lekgarebe leo ke mongwe wa bakgweetsi ba ditekesi kwa Schweizer Reneke gore a mo gorotshe ka pabalasego kwa lapeng.
Fela, Katong a ne a tsena-tsena ka lekgarebe leno, mme a feleletsa a ipagololetse mogodu. Gape, lekgarebe le, lene la kaya fa le nyeleletswe ke madi a kanang ka R2000 mo tiragalong eo.
Kgotlha-tshekelo e utlwile fa lekgarebe le, lene la fitlha la lotlegela mmagwe ka se se mo diragaletseng. Kgetsi ene ya bulwa, mme ene ya re Katong go utlwa seno, one a letsetsa lekgarebe le, le go kopana le lone kwa Taung Mall mo letsatsing le le latelang.
Katong one a fitlha a mo kopa go mo neela madi a kanang ka R2000 a go begwang a nyeletse le go mo neela R500 eleng pipa-molomo gore a ye go tsholola kgetsi ya petelelo kgatlhanong le ene.
Fela lekgarebe le, le ne la gana go tsaya madi ao. Kgotlha-tshekelo e utlwile gape fa mmagwe lekgarebe leno, yo eneng ele paki ya mmuso, a ne a tlhokafala fa kgetsi e sentse e tsweletse ka tsheko. Mmueledi wa ga Katong, one a tlhalosetsa lekgotlha fa bopaki jwa motlhekefadiwa bo sa ikanyege, gonne gona le phapang mo tshedimosetsong e a e neetseng sepodisi le e a e boleletseng kgotlha-tshekelo.
Fela magistrata Buti Zulu, ga ka a ganana le kgang eo, mme a tlhalosa fa ese pateletso gore bopaki jo bo neetsweng sepodisi bo ka botsolotswa, fela se se botlhokwa ke se motlhekefadiwa a se boleletseng kgotlha-tshekelo. Gape, se se ileng sa makatsa lekgotlha ke gore, Katong o ile a kaela beng ba mokgatlho wa ditekesi fa a iphantse ka thobalano le motlhefediwa, mme fela o ile a kaya fa seo se diragetse ka tumalano.
Fela Katong, one a kaela mmueledi wa gagwe fa a sa iphanya ka thobalano le motlhekefadiwa. Seo, sene sa baya Katong mo mosing, mme le kgotlha la mo bona jaaka motho o o sa ikanyegeng. Zulu one a tlhalosetsa Katong fa go sena sepe se se supang fa motlhekefadiwa a ka batla go mo bopela kgomo ya mmopa, gonne ba sa itsane.
Zulu, one a bona Katong molato mo kgetsing ya petelelo.
Kgabagare, lekgotlha lene la kaela Katong fa e se sa ntlha a thulana le molao, gonne ka ngwaga wa 2006 one a tshwarwa mme a bonwa molato mo kgetsing ya go itaya ka maikaelelo a go ntsha dikgobalo tse di masisi. Gape, go begwa fa ka 2013 le 2015, Katong a ne a tshwarelwa go gweba ka diritibatsi, mme a duela kotlhao mo dikgetsing dile pedi.
Katong gape o lebane le kgetsi ya polao e e diragetseng kwa motseng wa Manthe.