Kgetsi ya go tlola melawana ya bofaladi e boela kgotlha-tshekelo


Ka OBAKENG MAJE

Kgetsi ya go tlola molao wa bofaladi kgatlhanong le monna mongwe wa naga ya Zimbabwe, Dito Aurelio Chongo (39) e solofetswe go ka reediwa mo letsatsing la gompieno kwa Kgotlhatshekelo ya Taung. Kgetsi e, ene ya busediwa morago mo letsatsing la maabane morago ga gore go se nne le moralonudi.

Chongo one a tshwarwa mo kgweding e e fetileng kwa motseng wa Maphoitsile, gaufi le Taung ga mmogo le motswa-kwa jaaka ene, Vusi Ndlovu (37) mabapi le go tlola melawana ya bofaladi.

Chongo o buseditswe kwa ntlo-lefitshwaneng go fitlhela a boela kwa kgotlha-tshekelo gape. Kgotlha-tshekelo ya Taung, e arogantse banna ba mo kgetsing, mme e kaile fa mongwe le mongwe a tla lebagana le ditatofatso kgatlhanong le ene ka nosi.

Fela baagi ba ba shakgetseng ba kwa Manokwane, ba dumela fa Ndlovu ga mmogo le Chongo, ba amega mo polao ya basadibagolo ba le babedi ba ba ne ba lobelwa dintshi kwa sekgweng kwa Manokwane fa bane ba ile go rwalela dikgong mo kgweding e e fetileng.

Go begwa fa Kelebogile Mirriam Mokgalagadi (70) le Mapulana Polinah Mmusi (80), ba ne ba tlhaselwa le go bolawa ke batho ba ba sa itsiweng. Go ya ka dipego tsa sepodisi, Mmusi le Mokgalagadi ba ne ba tswa kwa malapeng a bone go ya go rwalela dikgong kwa nageng.

Fela, ba masika a bone ba ile ba se nnisege fa Mmusi le Mokgalagadi ba palelwa ke go boela gae ka tlatlana.

Baagi ba ile ba tswa letsholo la go ba batla, mme ene ya re ka ura ya bongwe masigo a sa, bane ba bona masetlapelo. Go kaiwa fa ditopo tsa bone tse dineng di na le dikgobalo tse di masisi dine tsa bonwa kwa nageng. Gape go kaiwa fa baswi ba ka tswa ba beteletswe gonne, ditopo tsa bone di ne di sa apara marokgwe a kha teng.

Gone ga tshwarwa banna bale bararo ba batswa-kwa, kwa motseng wa Maphoitsile, fela go fitlha ga jaana, ga go bopaki jo bo ba golaganyang le kgetsi e ya polao.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Col Adele Myburgh wa tlhalosa: “Ga gona ope yo o tshwerweng go fitlha ga jaana mo dikgetsing dile pedi tsa polao kwa Manokwane. Re le ba sepodisi, re sentse re ikuela go baagi go ka re thusa ka tshedimosetso e ka lebisang kwa go tshwarweng ga balatofadiwa mo kgetsing e.

“Mongwe le mongwe yo o nang le tshedimosetso, a ka letsetsa mobatlisisi mo kgetsing e, eleng Warrant Officer, Peace Babe mo dinomorong tse di latelang 0824438680. Gape ba ka letsetsa dinomoro tsa 08600 10111. Mongwe le mongwe o sa batleng leina la gagwe le itsiwe a ka romela molaetsa go MySAPS App.”

Mongwe wa baagi, Eddie Mogorwe are se ba se itseng jaaka baagi ke gore, balatofadiwa ba ba tshwerweng ba golagangwa le kgetsi ya polao ya bagodi ba. Mogorwe are, Manokwane Community Forum e ne ya tsamaya le mapodisi go ya go tshwarwa balatofadiwa bao.

“Re tlhaloganya gore diaparo tsa mongwe wa balatofadiwa di ne di na le madi. Gona le bopaki jo bo tsepameng jo bo ba golaganyang le dipolao tse. Gape go dilo di le dintsi jaaka dipolao tse di diragalang mo Taung, mme rele baagi, re tshwanetse go ema ka dinao.

“O mongwe wa balatofadiwa, o ntshitswe kwa kgolegelong mme ga re itse gore jang. Gape gona le mme mongwe o o neng a tlhaselwa le go bolawa kwa sekgweng kwa motseng wa Maphoitsile mo dikgweding tse di fetileng.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.