
Setshwantsho: Batshameki ba kwa sekolong sa Sebitloane mo Taung
Ka OBAKENG MAJE
Baithuti ba sekolo sa Sebitloane kwa Taung, ba baneng ba ile go emela sekolo kwa metshamekong e e kgethegileng ya sejana sa lefatshe kwa toropong ya Berlin, kwa nageng ya Germany ba amogetswe ka boitumelo mo letsatsing la gompieno. Sekolo se ne se ba diretse moletlo-gadi morago ga diphenyo tsa bone.
Setlhopha sa kgwele ya dinao sa basimane, ba fentse metale wa gauta, fa naledi mo motshamekong ya tense, Innocentia Msikinya go tswa kwa motseng wa Manthe, a fentse metale wa selefera le wa gauta. Msikinya are, le fa gone go se bonolo, o itumeletse phenyo ya gagwe.
āKe itumetse thata fa ke kgone go fenya metale wa selefera le wa gauta. Gone go se bonolo, mme re ile ra kgona go fenya le fa re nnile le dikgwetlho,ā Msikinya wa tlhalosa.
Mokaptein wa setlhopha sa kgwele ya dinao se se fentseng metale wa gauta, Kabo Kgomo (22) are, ba tswile mo Afrika Borwa ba ipaakantse go utlwa. Go ya ka Kgomo, se se ileng sa ba rotloetsa go itsotsoropanya ke gore, ba ne ba shebile gore fa gona le setlhopha sengwe sa kgwele ya dinao se se tla nnang lekgatlhego mo go bone, se ba kwadise.
āDitlhopha dile dintsi di ne di sa dumele gore re tswa kwa Sebitloane Special School ka mokgwa o reneng re tshameka ka teng. Gona le ditlhopha tse di ne di sa tshameke sentle le rona, fela reile ra fenya,ā Kgomo wa tlhalosa.
Mogokgo wa sekolo, Boipelo Mmokwa are ba motlotlo jaaka sekolo go bona baithuti ba bone ba dirile matshitshi.
āRona jaaka botsamaisi jwa sekolo se, ke sa lebale le lekgotlha-tsamaiso la sekolo, re lebogile thata. Ebile, ga ke itse gore ke tla shupa boitumelo jwame jang mo go se se diragetseng. Bana ba, ba ikatisitsi go utlwala le fa ba ne ba sena ditlamelwana tse di maleba.
āRe tsweletse jalo, re ba tshegeditse le fa gone go se bonolo. Fela, re ne re itse gore Modimo o teng o tla re fitlhisa. Bana ba, ga ese ba itshupe jaaka bana ba ba sa itsholelang. Ga se ba tsamye ba latlhegelwe mo metshamekong e. Ba tshamikile kgatlhanong le dinaga tse dinang le bokgoni, fela ba ile ba fenya go ntse fela jalo go fitlhela ba fenya metale wa gauta,ā Mmokwa wa tlhalosa.
Gape, o kaile fa ka di 21 Phukwi 2023, ba tlile go direla bana ba moletlo o mo tona. Are, Msikinya le ene o dirile go utlwala le fa a ne a sena ditlabakele tse di lekaneng. Mmokwa are, tona kwa kantorong ya mopresidente, Nkosazana Dlamini-Zuma yo a ikarabelang mo go bomme, basha ga mmogo le batho ba ba tshelang ka bogwele, o kaile fa bana ba ba tlile go memiwa ke mopresidente wa naga, Cyril Ramaphosa go ya go ja dijo tsa motshegare le ene.
Morulaganyi wa porogerama ya diporojeke tse di kgethegileng kwa kantorong ya ga majoro kwa masepaleng wa selegae wa Greater Taung, Tebogo Morweng are ba motlotlo. Morweng are maikutlo ke a tseisang manya go bona bana ba, batla ka dimetale.
āO tla gopola gore majoro wa rona, Tumisang Gaoraelwe o ile a kaya fa a tlile go tshegetsa sekolo se sa rona sa Sebitloane. Re ile ra nna le tshono ya go etela bana ba pele ga ba leba kwa Berlin kwa Germany le go ba neela mafoko a thotloetso. Jaanong, jaaka motho a ka bua fela are, senampa sa ngwana wa kgosi re se bona mogang bojale bo a loga.
āJaanong, botsetsi jo rene re bo beile bo fedile, gonne bana ba boile. Re tlhaloganya gore gona le batsadi ba ba ikobonyang ka go nna le bana ba ba tlhokang tshegetso e e kgethegile. Fela, re ikuela go bone gore ba tlise bana bao le bone ba kgone go rebolola talente tsa bone,ā Morweng wa tlhalosa.
Kgabagare, Kgosi Lehatshe Mankuroane are bana ba, ba beile naga ya Afrika Borwa ga mmogo le motse wa Taung kwa setlhoweng.