Banna ba le babedi ba tlhagelela kwa kgotlha-tshekelo go tlola melao ya bofaladi


Ka OBAKENG MAJE

Banna ba le babedi ba ba tshwereng mo bekeng e e fitileng go tlola melao ya bofaladi, ba solofetswe go ka rotola matlho fa pele ga magistrata wa Taung mo letsatsing la gompieno.

Fela baagi ba kwa motseng wa Manokwane gaufi le Taung, dumela fa banna ba, ba amega mo polao ya basadibagolo ba le babedi kwa motseng wa bone. Go begwa fa Kelebogile Mirriam Mokgalagadi (70) le Mapulana Polinah Mmusi (80), ba ile ba tlhaselwa le go bolawa ke batho ba ba sa itsiweng. 

Go ya ka dipego tsa sepodisi, ene ya re ka Labotlhano mo mosong, Mmusi le Mokgalagadi ba ne ba tswa kwa malapeng a bone go ya go rwalela dikgong kwa nageng. Fela, ba masika a bone ba ile ba se nnisege fa Mmusi le Mokgalagadi ba palelwa ke go boela gae ka tlatlana.

Baagi ba ile ba bolotsa letsholo la go ba batla, mme ene ya re ka ura ya bongwe masigo a sa, bane ba bona ditopo tsa bone tse dineng di na le dikgobalo tse di masisi kwa nageng. Gape go kaiwa fa baswi ba ka tswa ba beteletswe gonne, ditopo tsa bone di ne di sa apara marokgwe a kha teng.

Gone ga tshwarwa banna bale bararo ba batswa-kwa, kwa motseng wa Maphoitsile, fela go fitlha ga jaana, ga go bopaki jo bo ba golaganyang le kgetsi e ya polao. Go begwa fa banna bao, ba sena ditlankana tse di maleba go ka nna mo nageng ya Afrika Borwa, mme ba tshwaretswe go tlola melao ya boditshaba.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Col Adele Myburgh wa tlhalosa: “Ga gona ope yo o tshwerweng go fitlha ga jaana mo dikgetsing dile pedi tsa polao kwa Manokwane. Re le ba sepodisi, re sentse re ikuela go baagi go ka re thusa ka tshedimosetso e ka lebisang kwa go tshwarweng ga balatofadiwa mo kgetsing e.

“Mongwe le mongwe yo o nang le tshedimosetso, a ka letsetsa mobatlisisi mo kgetsing e, eleng Warrant Officer, Peace Babe mo dinomorong tse di latelang 0824438680. Gape ba ka letsetsa dinomoro tsa 08600 10111. Mongwe le mongwe o sa batleng leina la gagwe le itsiwe a ka romela molaetsa go MySAPS App.”

Mongwe wa baagi, Eddie Mogorwe are se ba se itseng jaaka baagi ke gore, balatofadiwa ba ba tshwerweng ba golagangwa le kgetsi ya polao ya bagodi ba. Mogorwe are, Manokwane Community Forum e ne ya tsamaya le mapodisi go ya go tshwarwa balatofadiwa bao.

“Re tlhaloganya gore diaparo tsa mongwe wa balatofadiwa di ne di na le madi. Gona le bopaki jo bo tsepameng jo bo ba golaganyang le dipolao tse. Gape go dilo di le dintsi jaaka dipolao tse di diragalang mo Taung, mme rele baagi, re tshwanetse go ema ka dinao.

“O mongwe wa balatofadiwa, o ntshitswe kwa kgolegelong mme ga re itse gore jang. Gape gona le mme mongwe o o neng a tlhaselwa le go bolawa kwa sekgweng kwa motseng wa Maphoitsile mo dikgweding tse di fetileng.       

taungdailynews@gmail.com

Dikgwamolelo FC is R50 000 richer after winning mayoral cup


Picture: Dikgwamolelo FC players celebrating after winning a soccer tournament

By OBAKENG MAJE

The Greater Taung Local Municipality (GTLM) mayor, Tumisang Gaoraelwe said they saw it imperative to come up with a few ways to bring growth to various sporting codes such as football and netball in the area. Gaoraelwe said grassroots football and netball will be beneficiary to local players who have an abundance of talents.

He held the GTLM Mayoral Cup competition at Taung Agricultural College sport-grounds on Sunday. Gaoraelwe further said, the second edition of the tournament was successful and benefited not only the participants but the wider surrounding community.

“These kinds of tournaments will encourage the growth of grassroots football in netball beyond our own town. So, we are grateful that the games were successful and we want to applaud the organising committee, and the teams that participated including those supporters who came out in numbers.

“To show the importance of everyone’s contribution, there are six players who were selected by scouts from Sekhukhune United FC for further assessment, while the other two were selected by the former Orlando Pirates FC player, Tebogo Moloi for ABC Motsepe League,” he said.

Inevitably, Gaoraelwe further encouraged all stakeholders to participate in grassroots sporting codes. He added that, the municipality has awarded teams with financial support including donating soccer and netball kits and trophies.

The Dikgwamolelo FC won the soccer tournament after beating Mogopela Wonderous FC 1-0 in the final. The Ditshilong-based team was rewarded with a whopping R50 000.

Dikgwamolelo FC coach, Odirile Mogaadile said: “Last year, we were eliminated in the first game. So, this year, we came well-prepared. I told our players to go out there and enjoy themselves. They played wholeheartedly and never put themselves under pressure.

“Even though we knew that the scouts were here, we played our normal game. I am so grateful that we won the tournament and the financial muscle that it comes with will be important.”

Mogopela United FC coach, Ompolokile Phekonyane said they did not have the capacity in terms of numbers. Phekonyane added that, his players were tired because they played more games.

“We will come prepared next time and it was painful to lose in the final. Our players came out gun blazing, but it was not meant to be as goals were elusive,” said Phekonyane.

Meanwhile, the Sekhukhune United FC Technical Director, Themba Sithole said the municipality should help the players by improving facilities. He said if they want to see good football, the players should be given good surfaces to play on.

“It is important to have one or two surfaces, which are good so that these kinds of tournaments can be played in. When I was with Free State Stars FC, they signed a defender from this area. So, that is why when I was invited I said, let me come and see.

“However, on Saturday when I arrived, I thought it was a waste of time until the last game was played. So, today, the semi-finals and finals were quite good even though the majority of the teams were a little bit defensive,” Sithole said.

He said he was happy that they saw what they wanted to see. Sithole said they were going to take either eight or ten players for further assessment in Johannesburg.

“We will continue to keep in contact with local coaches. We have also selected two players, who are still doing Grade 12 and they will join us in December,” he said.

taungdailynews@gmail.com