
Setshwantsho: Baithuti ba sekolo potlana sa Sediba-Thuto ba amogela ditlhako tsa sekolo
Ka OBAKENG MAJE
Baithuti ba le 150 go tswa kwa dikolong-potlana dile tharo kwa motseng wa Magogong le Maphoitsile, gaufi le Taung, ba abetswe ditlhako tsa sekolo ke majoro-mogolo wa masepala wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Motseokae Maje.
Go ya ka Maje, letsema leno le rotlweditswe ke seemo se bana bale bantsi ba ba tswang kwa malapeng a sa itsholelang ba iphitlhelang ba le mo go one. Are, bana ba le bantsi, ba nna le dikgwetlho, segolo thata jang mo setlheng seno sa mariga.
Maje o kaile fa ngwana ele sejo a tlhakanelwa, mme ba ile ba kopa dikolo go ka neelana ka maina a baithuti bao.
“Fela jaaka kele motho o o tswang kwa seemong se se reketlang, ke ile ka bona gole mosola gore ke neelane ka ditlhako tse go baithuti gonne, ngwana ke sejo wa tlhakanelo. Jaanong, gona le bana ba ba tswang kwa malapeng a reketlang, mme seo se dira gore ba iphitlhele ba sena diaparo ga mmogo le ditlhako tse di maleba thata jang mo setlheng se sa mariga.
“Ra itse gore seemo se sentseng jalo, se kgona go dira gore baithuti ba le ba ntsi ba se fetse sekolong ka ntlheng ya dikgwetlho tse di tshwanang le tse. Jaanong, jaaka rele ba masepala wa sedika, re bone go le botlhokwa gore re neelane ka bonyinyane jo re tla bo kgonang go ka thusa,” Maje wa tlhalosa.
Maje are, seo se tla tlisa go itshepa magareng ga baithuti ba, le go dira gore e nne batho setshabeng. Go ya ka Maje, maemo a masepala a ledi a ba kgontshitse go tlhopa dikolo dile tharo fela.
“Dikolo tse di unngwetsweng mo letsemeng le, ke sekolo-potlana sa Sediba-Thuto, Olebile le sa Maphoitsile. Re ile ra ikuela gore re batlelwe bana bale masome a le tlhano mo sekolong sengwe le sengwe. Jaanong, re neelane ka ditlhako dile 150 mo dikolong tseo tsotlhe.
“Re dirisitse ledi le le beetsweng thoko go tswa kwa masepaleng, mme ele tekanyetso-kabo ya kantoro ya ga majoro mogolo. O tla gopola gore ga se ditlhako fela tse re abelaneng ka tsone go baithuti. Rena le bana bale masome ale tlhano ba ba ikwadisitseng kwa ditheong tse dikgolwane go ralala naga,” Maje watlhalosa.
Kgabagare, Mogokgo wa nama o tshwere kwa sekolo-potlana sa Sediba-Thuto, Obakeng Pico are, ba itumeletse tshegetso e go tswa go masepala wa sedika. Pico okaile gape fa tirisano magareng ga baithuti, batsadi ga mmogo le sekolo ele e e namatshang.
“Re le sekolo, re bona tirisano mmogo e ntle thata go tswa mo batsading. Ebile ga se re itemogele bosula bope fela. Ga ra itemogela kwelo-tlase ya dipalopalo tsa baithuti mo ngwageng o, mme ke itumelela tshegetso eo go tswa kwa batsading.
“Gape, re itumelela neelano ya ditlhako go tswa kwa go majoro-khuduthamaga wa masepala wa rona wa sedika sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Motseokae Maje. Seo, se tlile go rotlwetsa bana gore batle sekolong ka matsatsi otlhe,” Pico wa tlhalosa.
Pico o kaile gape fa seo, se tlile go dira gore go sa tle sekolong ga baithuti go ye wele tlase. Pico are, jaanong bana ga ba kitla ba tla sekolong ka ditlhako tse di makgasa, gonne seo se ama go itshepa ga bone.
Thanks for district mayor for helping our children who cannot afford
LikeLike