Baagi ba Takaneng ba tshwengwa ke tlhokego ya metsi


Setshwantsho: Baagi ba motse wa Takaneng ba ga metsi kwa Sedibeng

Ka OBAKENG MAJE

Tlhokego ya metsi kwa motseng wa Takaneng gaufi le Taung, e tsweletse go nna tlhoba boroko. Baagi ba kaile fa jaanong ba patelesega go ga metsi kwa sedibeng se se gaufi. Seno se tla morago ga gore pompo e kgale e neela baagi ka metsi, e robege.

Mongwe wa baagi, Kagiso Mopedi are, ba na le ngwaga ba ntse ba itemogela tlhokego ya metsi a phepha morago ga gore ditshipi tse di pompang metsi diwele mo madutelong.  

“Ke sebaka sa ngwaga jaanong, ebile re tsena mo ngwageng wa bobedi. Re ile ra itsise masepala ka tiragalo e, mme go bontsha fa o itshetse moriti o tsididi.

“Re le baagi, re ile ra patelesega go ka go ga metsi kwa sedibeng se se gaufi, mme ga re itse fa metsi ao a le phepha ebile a siametse go ka nowa ke batho. Re tshwenyegile thata gonne, gona le matlhoko a tsweletseng go ka bolaya batho jaaka Cholera,” Mapedi wa tlhalosa.   

Fela majoro mogolo wa masepala wa sedika kwa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Motseokae Maje, o kaile fa ba samagane le kgang eo. Maje are, ba buisane le setlamo se se rebolang metsi sa Magalies Water go ka ya go baakanya madutelo ao.

Maje gape o ganeditse dipego tsa gore baagi ba na le ngwaga ba itemogela mathata a.

“Kgang ya gore ke ngwaga baagi ba sa bone metsi a phepha ga nkitla ke epaka nkgonne. Fela, ke a itse gore gona le mathata a metsi kwa motseng wa Takaneng. Ke fetiseditse pegelo eo kwa setlamong se se rebolang metsi sa Magalies Water.

“Jaanong, nka netefatsa fa ba le mo letsholong la go bona rakonteraka yo o tla yang go ntsha ditshipi tse di wetseng mo madutelong ao, mme a neele baagi metsi,” Maje wa tlhalosa.  

Sebueledi sa Magalies Water, David Magae one a tshepisa lekwalo dikgang la Taung DailyNews gore o tla neelana ka dikarabo tsa gore ba tlile go ya go baakanya leng madutelo ao, fela le go fitlha ga jaana ga a ise a boele mo go rona. Magae one a ka ya fa se, se dirwa ke gore boitekanelo jwa gagwe ga bo phepha.

Kgabagare, fa a ne a neelana ka tekanyetso-kabo ya lefapha la gagwe mo malobeng, Tonakgolo ya Bokone Bophirima, Bushy Maape one a kaya fa go swabisa go bona batho ba tsweletse go ka bolaiwa ke bolwetsi jwa Cholera. Go ya ka dipego, ke batho ba feta 29 ba ba setseng ba bolailwe ke bolwetsi jwa Cholera kwa porofenseng ya Gauteng.

“Rona jaaka porofense, re setse re eme sejaro go ka samagana le go runya ga bolwetsi jwa Cholera. Badiri ba rona kwa Provincial Disaster Management Centre, ba tlile go romela badiri kwa mafelong a amilweng ke twatsi eno.   

“Mo maitekong a rona a go samagana le tlhokego ya metsi, re setse re tlhamile setlhopa se se batlisisang mafelo a ka tswang a amilwe ke tlhokego ya metsi. Mme mafelo ao ke Ditsobotla, Tswaing, Ramotshere-Moiloa, Naledi, Mamusa, Maquassi Hills le Matlosana,” Maape wa tlhalosa.

Maape are ba tlile go tlhoma letsema le le bidiwang, Bulela Metsi mo mafelong ao.

taungdailynews@gmail.com

Majoro mogolo, Motseokae Maje a neelana ka ditlhako tsa sekolo go baithuti


Setshwantsho: Baithuti ba sekolo potlana sa Sediba-Thuto ba amogela ditlhako tsa sekolo  

Ka OBAKENG MAJE

Baithuti ba le 150 go tswa kwa dikolong-potlana dile tharo kwa motseng wa Magogong le Maphoitsile, gaufi le Taung, ba abetswe ditlhako tsa sekolo ke majoro-mogolo wa masepala wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Motseokae Maje. 

Go ya ka Maje, letsema leno le rotlweditswe ke seemo se bana bale bantsi ba ba tswang kwa malapeng a sa itsholelang ba iphitlhelang ba le mo go one. Are, bana ba le bantsi, ba nna le dikgwetlho, segolo thata jang mo setlheng seno sa mariga. 

Maje o kaile fa ngwana ele sejo a tlhakanelwa, mme ba ile ba kopa dikolo go ka neelana ka maina a baithuti bao.

“Fela jaaka kele motho o o tswang kwa seemong se se reketlang, ke ile ka bona gole mosola gore ke neelane ka ditlhako tse go baithuti gonne, ngwana ke sejo wa tlhakanelo. Jaanong, gona le bana ba ba tswang kwa malapeng a reketlang, mme seo se dira gore ba iphitlhele ba sena diaparo ga mmogo le ditlhako tse di maleba thata jang mo setlheng se sa mariga.

“Ra itse gore seemo se sentseng jalo, se kgona go dira gore baithuti ba le ba ntsi ba se fetse sekolong ka ntlheng ya dikgwetlho tse di tshwanang le tse. Jaanong, jaaka rele ba masepala wa sedika, re bone go le botlhokwa gore re neelane ka bonyinyane jo re tla bo kgonang go ka thusa,” Maje wa tlhalosa.

Maje are, seo se tla tlisa go itshepa magareng ga baithuti ba, le go dira gore e nne batho setshabeng. Go ya ka Maje, maemo a masepala a ledi a ba kgontshitse go tlhopa dikolo dile tharo fela. 

“Dikolo tse di unngwetsweng mo letsemeng le, ke sekolo-potlana sa Sediba-Thuto, Olebile le sa Maphoitsile. Re ile ra ikuela gore re batlelwe bana bale masome a le tlhano mo sekolong sengwe le sengwe. Jaanong, re neelane ka ditlhako dile 150 mo dikolong tseo tsotlhe.

“Re dirisitse ledi le le beetsweng thoko go tswa kwa masepaleng, mme ele tekanyetso-kabo ya kantoro ya ga majoro mogolo. O tla gopola gore ga se ditlhako fela tse re abelaneng ka tsone go baithuti. Rena le bana bale masome ale tlhano ba ba ikwadisitseng kwa ditheong tse dikgolwane go ralala naga,” Maje watlhalosa.

Kgabagare, Mogokgo wa nama o tshwere kwa sekolo-potlana sa Sediba-Thuto, Obakeng Pico are, ba itumeletse tshegetso e go tswa go masepala wa sedika. Pico okaile gape fa tirisano magareng ga baithuti, batsadi ga mmogo le sekolo ele e e namatshang.

“Re le sekolo, re bona tirisano mmogo e ntle thata go tswa mo batsading. Ebile ga se re itemogele bosula bope fela. Ga ra itemogela kwelo-tlase ya dipalopalo tsa baithuti mo ngwageng o, mme ke itumelela tshegetso eo go tswa kwa batsading.

“Gape, re itumelela neelano ya ditlhako go tswa kwa go majoro-khuduthamaga wa masepala wa rona wa sedika sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Motseokae Maje. Seo, se tlile go rotlwetsa bana gore batle sekolong ka matsatsi otlhe,” Pico wa tlhalosa.

Pico o kaile gape fa seo, se tlile go dira gore go sa tle sekolong ga baithuti go ye wele tlase. Pico are, jaanong bana ga ba kitla ba tla sekolong ka ditlhako tse di makgasa, gonne seo se ama go itshepa ga bone.

taungdailynews@gmail.com

The late traditional conversationalist, Grace Masuku described as selfless


Picture: The late Grace Masuku/Supplied

By OBAKENG MAJE

The heartfelt condolence messages continue to pour in after the passing of the world-renowned traditional conversationalist, Grace Masuku. The retired school principal, who spent her retirement dedicated to restoring the Bakgatla Ba Kgafela’s traditional respect for the environment and improving the living conditions of inhabitants in the approximately 30 surrounding villages, passed away on Monday after a prolonged illness.  

Masuku (91) aimed to engender a spirit of self-sufficiency in the area, which in recent times has been hard hit by the closure of platinum mines. She had a profound understanding of indigenous knowledge systems and the environment. Also, Masuku was the brain behind several successful environmental and conservation initiatives.

The North West Premier, Bushy Maape said they are saddened by the passing of a septuagenarian. Maape further said that Masuku was instrumental in initiating Indigenous Knowledge Projects and several environmental and conservation initiatives in her community.

“She devoted her time to mentoring women and youth in fighting poverty and unemployment. Masuku belonged to a generation of heroes and heroines who dedicated their lives to the development of their communities. She was a true definition of a community builder.

“Masuku was selfless and dedicated her entire life to the development of her community. In 2006, the former president, Thabo Mbeki awarded Koko Grace Masuku the Order of Baobab in Silver. The Order is awarded to South African citizens for distinguished service in the fields of business and the economy, science, medicine, technological innovation as well as community service,” he said.

He added that a documentary that was directed by Karin Slater titled “From Nkoko with Love” featuring Koko Grace Masuku was aired on SABC 2 in 2006. Maape said the documentary, which was also screened at the now-defunct North West Film Festival in 2007 chronicled Koko Grace Masuku’s life and philosophy.

“In 2008 the North West Parks and Tourism Board published a book titled, “The Legacy and Heritage of Grace Meiki Masuku. These accolades and many others demonstrate that she was a person who was highly involved in the empowerment of her community through various initiatives, particularly in indigenous knowledge. She was a trailblazer who defied the odds in advocating for development in her community.

“So, we take this opportunity to convey our heartfelt condolences to the family, friends and the community of Bakgatla-ba-Kgafela on the passing of Koko Grace Masuku. Apart from being a traditional conservationist, as she calls herself, she is widely regarded as a powerhouse of knowledge on indigenous plants and a giant in sustainable rural development,” said Maape.

Masuku used her pension to visit numerous villages to provide training and ideas for businesses based on traditional values and knowledge. Her first project, Letswanana, began 21 years ago, and today continues to yield herbs that are used to treat diseases. Her most public project, Podi-Boswa (meaning ‘goat, our inheritance’), has provided more than 1 000 people with sustainable livelihoods by producing leather products from goat hides that had been discarded prior to the Podi-Boswa venture.

It all started when the Department of Trade and Industry’s Community Public-Private Partnerships Programme was looking for a project leader to co-ordinate a leather-producing initiative. Someone suggested Masuku, and she quickly surveyed the area to see whether the project was feasible.

She discovered that every household in the area owned one or more goats. A programme was implemented to train people in the production of leather skins and products. It was not long before they started seeing profits.

taungdailynews@gmail.com