Katlholo mo kgetsing ya petelelo e busediwa morago!


Setshwantsho: Motshameki wa maloba wa Mighty Boys FC, Bakang Katong/Facebook

Ka OBAKENG MAJE

Katlholo mo kgetsing ya petelelo kgatlhanong le motshameka-pele wa maloba wa setlhopha sa kgwele ya dinao sa selegae sa Mighty Boys FC kwa motseng wa Manthe, gaufi le Taung ga ya tswelela mo letsatsing la maabane. Seno se tla morago ga gore mmueledi wa ga Bakang Katong yo o bonweng molato mo kgetsing eno, a se iponatse kwa kgotlha-tshekelo ya sedika ya Taung.

Go begwa fa Katong (32), yo jaanong eleng rakgwebo, mme gape a latofadiwa ka go rekisa diritibatsi, one a betelela lekgarebe lengwe la kwa Buxton ka ngwaga wa 2017. Go begwa fa Katong, yo one a tswa Johannesburg ka nako eo, a ne a neelwa lekgarebe leo ke mongwe wa tekesi kwa Schweizer Reneke gore a mo gorotshe ka pabalasego kwa lapeng.

Fela, go kaiwa fa Katong a ne a tsena-tsena ka lekgarebe leno, mme a feleletsa a iphantse ka thobalano le lone kwa ntle ga tumalano. Go kaiwa fa lekgarebe le, lene la kaya fa le nyeleletswe ke madi a kanang ka R2000 mo tiragalong eo.

Kgotlha-tshekelo e utlwile fa lekgarebe le, lene la fitlha la lotlegela mmagwe ka se se mo diragaletseng. Kgetsi ene ya bulwa, mme ene ya re Katong go utlwa seno, one a letsetsa lekgarebe le, le go kopana le lone kwa Taung Mall mo letsatsing le le latelang.

Katong one a fitlha a mo kopa go mo neela madi a kanang ka R2000 a go begwang a nyeletse le go mo neela R500 eleng pipamolomo gore a ye go tsholola kgetsi ya petelelo kgatlhanong le ene.

Fela lekgarebe le, le ne la gana go tsaya madi ao. Kgotlha-tshekelo e utlwile gape fa mmagwe lekgarebe leno, yo eneng ele paki ya mmuso, a ne a tlhokafala fa kgetsi e sentse e tsweletse ka tsheko. Mmueledi wa ga Katong, one a tlhalosetsa lekgotlha fa bopaki jwa motlhekefadiwa bo sa ikanyege, gonne gona le phapang mo tshedimosetsong e a e neetseng sepodisi le e a e boleletseng kgotlha-tshekelo.

Fela magistrata Buti Zulu, ga ka a ganana le kgang eo, mme a tlhalosa fa ese pateletso gore bopaki jo bo neetsweng sepodisi bo ka botsolotswa, fela se se botlhokwa ke se motlhekefadiwa a se boleletseng kgotlha-tshekelo. Gape, se se ileng sa makatsa lekgotlha ke gore, Katong o ile a kaela beng ba mokgatlho wa ditekesi fa a iphantse ka thobalano le motlhefediwa, mme fela o ile a kaya fa seo se diragetse ka tumalano.

Fela Katong, one a kaela mmueledi wa gagwe fa a sa iphanya ka thobalano le motlhekefadiwa. Seo, sene sa baya Katong mo mosing, mme le kgotlha la mo bona jaaka motho o o sa ikanyegeng. Zulu one a tlhalosetsa Katong fa go sena sepe se se supang fa motlhekefadiwa a ka batla go mo bopela kgomo ya mmopa, gonne ba sa itsane.

Zulu, one a bona Katong molato, mme a mo kaela fa ka letsatsi la di 6 Seetebosigo 2023, a tlile go ntsha katlholo. Fela, seo gas a direga, mme kgetsi e buseditswe morago go fitlha ka letsatsi la di 12 Seetebosigo 2023.

Lekgotlha lene la kaela Katong fa e se sa ntlha a thulana le molao, gonne ka ngwaga wa 2006 one a tshwarwa mme a bonwa molato mo kgetsing ya go itaya ka maikaelelo a go ntsha dikgobalo tse di masisi. Gape, go begwa fa ka 2013 le 2015, Katong a ne a tshwarelwa go gweba ka diritibatsi, mme a duela kotlhao mo dikgetsing dile pedi.

Kgabagare, Katong gape o lebane le kgetsi ya polao e e diragetseng kwa motseng wa Manthe.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.