TLHOTLHOMISI YA GA SHUPING KE PULAMADIBOGO MABAPI LE MOKWALO LE MOPELETO WA SETSWANA


Setshwantsho: Reoikantse Shuping ga mmogo le moeteledipele wa gagwe (supervisor), Eileen Pooe

Ka OBAKENG MAJE

Reoikantse Shuping ke motlhatlheledi wa Setswana mo Yunivesithi ya Bokone Bophirima, mme o dumela gore mekgwa ya ga jaana ya tshwanafatso kgotsa tolamiso ya mokwalo wa Setswana e tlhoka go lejwa sešwa. Ka la 17 Motsheganong, 2023, ke fa Shuping a aloga, a rwala kola ya M.A. (Setswana) gone mo Yunibesiting ya Bokone Bophirima.

O falotse dikerii eno ka dinaledi mo hisetoring ya Lefapha la Setswana la NWU, Khemphase ya Mafikeng. Ke ene motho wa ntlha go rwala kola ya M.A. ka maemo a dinaledi. Go ya ka dipalopalo, Shuping ke Motswana wa boraro go dira jalo. O gatile mo motlhaleng wa ga Mme Theriso Tsambo (Motlhatlheledi wa maloba) le Ngaka Queen Motsepe (Motlhatlheledi wa ga jaana). Le bone ba ile ba falola ka dinaledi mo serutweng se kwa Yunibesiting ya UNISA.

Shuping are, le fa Setswana e le puo e e sa bolong go kwalwa dingwaga di le dintsi tse di fetileng, mokwalo le mopeleto wa sona ga o ise o tsepame mo go kgotsofatsang.

“Bothata bo tsalwa ke mekgwa e e farologaneng e ka yona batho ba tsayang taolelo le teseletso ya mokwalo le mopeleto ka teng. Fa go tla mo taolelong, go na le bothata mabapi le mokgwa o ka ona go fitlhelelwang ditshwetso tse di feletsang. Dilo tseno, ke tsona di bakang diketsaetsego le dikganetsano tse di sa tlhokegeng mabapi le mokwalo le mopeleto wa mafoko.

“Bontsi jwa batho ga bo ganane le gore, go nne le thulaganyo e e tlhomameng ya mokwalo wa Setswana e e ka fokotsang diketsaetsego le dikganetsano tse di bakwang ke teseletso. Ke ka moo patlisiso ya me e atlanegisang mokgwa wa go tsaya ditshwetso ka molebo wa tumalano o o tserweng mo go tiori ya tumalano (Consensus Theory) ya masosioloji,” Shuping wa tlhalosa.

Shuping are, setlhogo sa tlhotlhomisi ya gagwe ke kanoko ya teseletso le taolelo mo mokwalong le mopeleto wa Setswana mo Aforika Borwa. Are ka tiori ya tumalano, mme o dumela gore ke patlisiso e e tla tshwaelang go utlwala mo maitekong a go samagana le dikgwetlho tse di itemogelwang mo tolamisong ya mokwalo le mopeleto wa Setswana.

“E tlaa nna gape motheo o o tsepameng o baithuti ba Setswana, badirakapuo le setšhaba se se buang Setswana ka kakaretso, ba ka agelelang mo go ona go rarabolola mathata a mokwalo le mopeleto mo Setswaneng. Ke patlisiso e e tlhalosang le go atlanegisa mokgwa o o botoka wa go rerisana ka mathata le go fitlhelela tumalano e e tsepameng pele go tsewa ditshwetso, kgotsa go tlhongwa melao.

“E tla nna mosola thata mo batlhaming ba dipholisi tsa puo le ba ditheo tse di jaaka Yuniti ya Bosetšhaba ya Dithanodi tsa Setswana (Sefala), Komiti ya Dipuo ya Porofense ya Bokone Bophirima le Lekgotla la Bosetšhaba la Puo ya Setswana. Tse tsotlhe, mmogo di na le seabe sa botlhokwa mo tsweletsong le tolamiso ya dipuo mo Aforika Borwa,” Shuping wa tlhalosa.

O kaile gape fa loeto lwa go kgonana le phitlhelelo eno, lo ne lo se bonolo kaa ile a kampana le dikgwetlho di le mmalwa mo tseleng. Shuping are, mongwe wa mepakwana e a neng a tshwanelwa ke go e tlolakaka ke leroborobo la COVID-19 le le neng la wa fela fa a sena go ikwadisetsa dikerii ya MA ka 2020.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.