Magalies Water e tlile go phephafatsa madutelo a metsi kwa Pudimoe morago ga gore baagi ba kae fa metsi a bone a tsamaya diboko   


Ka OBAKENG MAJE

Setlamo se se rebolang metsi sa Magalies Water, se kaile fa go tlile go nna le kgoreletsego ya metsi kwa Pudimoe le mafelo a mabapi mo letsatsing la di 30 Motsheganong 2023. Sebueledi sa Magalies Water, David Magae are, seno se tla tlholwa ke letsema le le boloditsweng la go phephafatsa madutelo a metsi kwa lifelong leo.  

Go ya ka Magae, madutelo a metsi kwa Pudimoe a tla phephafadiwa go simolola ka ura ya bosupa mo mosong, go fitlha ka ura ya borataro mo maitseboweng.

“Seno se tla re thusa gore metsi a neelwang baagi e nne a phepha, mme re ikuela go baagi kgotsa ba dirisi ba metsi go ka dirisa metsi ka kelo-tlhoko. Seo se tla dira gore metsi a se tswe ka bonya fa re feditse ka tiro ya rona ya go phephafatso ya madutelo ao.      

“Mafelo a a tlileng go angwa ke phephafatso eno ya madutelo ke Pudimoe, Matlhako 1 le 2, Ncweng, Myra, Mogopela A le B, Khibitswane, Khibitswane Extension, Cokonyane, Taung Central, Nhole, Ranstad, Taung Station, Itireleng, Rooiwal le Matolong,” Magae wa tlhalosa.

Mo matsatsing a le mmalwa a fetileng, baagi ba motse-setoropo wa Pudimoe, bane ba kaya fa ba tshelela mo letshogong morago ga kanamo ya bolwetsi jwa cholera. Seno, se tlile morago ga kgatiso ya video e tletsetletseng mo mafaratlhatlheng a boitapoloso, e mo go yone go bonweng metsi a tsamaya diboko.

Mongwe wa baagi, Joyce Pule one a kaya fa e le lobaka ba itemogela kgwetlho ya metsi a seng phepha. Pule are, one a gatisa video e bontshang metsi a tsamaya diboko, ebile a fetotse le mmala ale matala.

Ha a ne a buisana le Motsweding FM, Pule o tlhalositse jaana.

“Ga kena bopaki jo bo feletseng jwa gore go ka tswa go diragetse eng ka metsi. Fela, ke metsi are a fitlhelang mo dipompong tsa rona. Metsi a, a nkga sebodu, a na le mmala o mo tala, ebile a tsamaya diboko. Selo se, se simolotse ka kgwedi ya Tlhakole, mme re ile ra ipolelela gore ke selo fela sa feta.

“Kgatiso ya video e o e bonang eo, ke metsi a matala a tswang mo ntlung yame mo pompong e ko kamoreng ya go apeela. Ene ele ka di 30 Moranang fa kene ke bulela pompo. Go kgonega gore ka nako nngwe, metsi a be a le teng go fitlha mantsiboa. Fela, fa re tsoga mo mosong go ka bo go sena metsi,” Pule wa tlhalosa.

O kaile gape ka nako e metsi a bowang ka yone, a tla ale matala. Pule are kgatiso ya video, o e gatisitse ka di 12 Motsheganong.

“Batho botlhe ba ne ba ngongorega ka seemo sa metsi ha ba bulela dipompo. Fela, seo ga se tshimologe ka di 12 Motsheganong, gonne ha e sale diboko tse ditswa go simolola ka kgwedi ya Moranang. Tota fela, ha e sale bothata jwa metsi bo tshimolola ka nako ya fa go ne go sitlhamololelwa setlamo se se rebolang metsi sa Sedibeng Water go ya kwa Magalies Water.

“Ka nako ya Sedibeng Water, ga ese ebe re tsamaye re itemogele bothata jo. Ee, metsi ane ke a tsamaye, mme ere fa a bowa, a boe ale phepha. Re ne re nagana gore gongwe selo se, se diragala ka ntlheng ya gore gongwe go phephafatswa dipepi,” Pule wa tlhalosa.

Are, se se utlwisang botlhoko ke gore, gona le baagi bangwe ba ba sa direng, mme ba tlile go dira jaanag fa ba sena madi a go reka metsi a go nwa.

Kgabagare, molekgotlha wa kgorwana eo, Onkarabile Tong o kaile le fa ba itemogela mathata a metsi a a seng phepha kwa Pudimoe, kgatiso ya video ese ya ga jaana. Tong are, kgatiso eo ya video e e tsamyang diboko, e ile ya tlhagelela mo ngwageng o o fetileng, mme bothata joo bo ne jwa rarabololwa.

“Ga gona bo nnete mo kgatisong ya video eo. Kgatiso ya video e e tletse-tletseng mo mafaratlhatlheng, ke ya ngwaga o o fitileng. Go tlile ga nna le yone kgang eo ya metsi a tsamayang diboko mo ngwageng o o fitileng, mme ke a gopola gore rene ra kopa tsereganyo go tswa kwa masepaleng wa sedika. Seo, se ile sa diragala gonne ka nako eo, re ile ra nna le di kopano le baagi morago ga boipelaetso joo.

“Jaanong, bonnete ke gore, ga se video ya ga jaana. Selebego sa metsi mo mosong ke se se siameng, jaanong ga nkitla ke ganetsana le baagi ba ba reng, metsi a nkga sebodu, gonne mongwe le mongwe o bua se se mo diragaletseng,” Tong wa tlhalosa.

Tong are, seemo sa boleng jwa metsi se tokafetse thata fa o bapantsha le di beke tse di fitileng. Are, fela fa a bua puo-phaa, seemo sa metsi go tswa kwa setlamong sa Magalies Water ga se se se jesang diwelang.

“Ke seemo se se bosula, gonne nako enngwe metsi a ke a nne le mmala. Seo, se re lemotsha fa metsi ao a sa tlhatswiwe sentle. Bontsi jwa nako, metsi a bone ga mantle, mme re ke re buisane le ba masepala wa sedika go tlisa tharabololong, gonne ele bone ba ba dirisanang le ba setlamo sa Magalies Water go re rebolela metsi jaaka rele masepala wa selegae,” Tong wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.