Baagi ba Pudimoe ba lela ka metsi a tsamayang diboko!


Setshwantsho: Baagi ba ngongorega ka boleng jwa metsi go tswa kwa Magalies Water   

Ka OBAKENG MAJE

Baagi ba motse-setoropo wa Pudimoe gaufi le Taung ba kaile fa ba tshelela mo letshogong morago ga kanamo ya bolwetsi jwa Cholera. Seno, se tla morago ga kgatiso ya video e e tletsetletseng mo mafaratlhatlheng a boitapoloso, e mo go yone go bonwang metsi sasanka diboko.

Jaanong, mongwe wa baagi, Joyce Pule are ba na le lobaka ba itemogela kgwetlho ya metsi a a seng phepha. Go ya ka Pule, ke ene a dirileng kgatiso eo ya video e e bontshang metsi a tsamaya diboko, ebile a fetotse le mmala a le ma tala.

Ha a ne a buisana le Motsweding FM, Pule o tlhaolitse jaana.

“Ga kena bopaki jo bo feletseng jwa gore go ka tswa go diragetse eng ka metsi. Fela, ke metsi are a fitlhelang mo dipompong tsa rona. Metsi a, a nkga sebodu, a na le mmala o mo tala, ebile a tsamaya diboko. Selo se, se simolotse ka kgwedi ya Tlhakole, mme re ile ra ipolelela gore ke selo fela sa feta.

“Kgatiso ya video e o e bonang eo, ke metsi a ma tala a a tswang mo ntlung yame mo pompong e ko kamoreng ya boapeelo. Ene ele ka di 30 Moranang fa kene ke bulela pompo. Go kgonega gore ka nako nngwe, metsi a be a le teng go fitlha mantsiboa. Fela, fa re tsoga mo mosong go ka bo go sena metsi,” Pule wa tlhalosa.

O kaile gape ka nako e metsi a bowang ka yone, a tla ale matala. Pule are kgatiso ya video, o e gatisitse ka di 12 Motsheganong.

“Batho botlhe ba ne ba ngongorega ka seemo sa metsi ha ba bulela dipompo. Fela, seo ga se tshimologe ka di 12 Motsheganong, gonne ha e sale diboko tse ditswa go simolola ka kgwedi ya Moranang. Tota fela, ha e sale bothata jwa metsi bo tshimolola ka nako ya fa go ne go sitlhamololelwa setlamo se se rebolang metsi sa Sedibeng Water go ya kwa Magalies Water.

“Ka nako ya Sedibeng Water, ga ese ebe re tsamaye re itemogele bothata jo. Ee, metsi a ne ke a tsamaye, mme ere fa a bowa, a boe ale phepha. Re ne re nagana gore gongwe selo se, se diragala ka ntlheng ya gore gongwe go phephafatswa dipepi,” Pule wa tlhalosa.

Are, se se utlwisang botlhoko ke gore, gona le baagi bangwe ba ba sa direng, mme ba tlile go dira jaanag fa ba sena madi a go reka metsi a go nwa.

Kgabagare, molekgotlha wa kgorwana eo, Onkarabile Tong o kaile le fa ba itemogela mathata a metsi a a seng phepha kwa Pudimoe, kgatiso ya video ese ya ga jaana. Tong are, kgatiso eo ya video e e tsamyang diboko, e ile ya tlhagelela mo ngwageng o o fetileng, mme bothata joo bo ne jwa rarabololwa.

“Ga gona bo nnete mo kgatisong ya video eo. Kgatiso ya video e e tletse-tletseng mo mafaratlhatlheng, ke ya ngwaga o o fitileng. Go tlile ga nna le yone kgang eo ya metsi a tsamayang diboko mo ngwageng o o fitileng, mme ke a gopola gore rene ra kopa tsereganyo go tswa kwa masepaleng wa sedika. Seo, se ile sa diragala gonne ka nako eo, re ile ra nna le di kopano le baagi morago ga boipelaetso joo.

“Jaanong, bonnete ke gore, ga se video ya ga jaana. Selebego sa metsi mo mosong ke se se siameng, jaanong ga nkitla ke ganetsana le baagi ba ba reng, metsi a nkga sebodu, gonne mongwe le mongwe o bua se se mo diragaletseng,” Tong wa tlhalosa.

Tong are, seemo sa boleng jwa metsi se tokafetse thata fa o bapantsha le di beke tse di fitileng. Are, fela fa a bua puo-phaa, seemo sa metsi go tswa kwa setlamong sa Magalies Water ga se se se jesang diwelang.

“Ke seemo se se bosula, gonne nako enngwe metsi a ke a nne le mmala. Seo, se re lemotsha fa metsi ao a sa tlhatswiwe sentle. Bontsi jwa nako, metsi a bone ga mantle, mme re ke re buisane le ba masepala wa sedika go tlisa tharabololong, gonne ele bone ba ba dirisanang le ba setlamo sa Magalies Water go re rebolela metsi jaaka rele masepala wa selegae,” Tong wa tlhalosa.

Sebueledi sa Magalies Water, David Magae one a tshepisa Taung DailyNews go boela mo go rona morago ga go batla dikarabo mo letsatsing la maabane, mme fela re sentse re beile letsogo mo phatlheng le go fitlha ga jaana.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.